Breaking News

Tsela ya Mogome-Mokgware e ama

30 Jan 2025

Banni ba Mokgware mo kgaolong ya Palapye ba lela ka tsela ya Mogome-Mokgware e ba tlhalosang fa e se mo seemong se se siameng. 

Banni ba ntshitse selelo sa bone bosheng mo phuthegong ya kgotla ya Mopalamente wa kgaolo ya Palapye Rre Onneetse Ramogapi.

Fa a amogela mopalamente Kgosi  wa Mokgware, Kgosi Mercy Otswakae o boletse fa e le motse wa bone e le wa bogologolo mme o gaisiwa ke e e tsileng morago ga one ka go gola le ditlhabololo.

Kgosi Otswakae a re lefa motse wa bone ole kwa thoko sekgoreletsi segolo sa go tlhabologa ga motse ke seemo sa tsela. O kopile puso go tsibogele seemo se ka gape ba itemogela dikotsi tsa dikoloi mo go yone.

E rile a bega pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse modulasetilo Rre Molatedi Motlhagodi o ne a gatelela kgang ya tsela ya Mogome -Mokgware a re ba kopa sekontere.

Rre Motlhagodi a re ba  dirisa tsela malatsi otlhe go latela ditlamelo ka go farologana.  A re ba itemogela tiego ya peo ya ditsha tsa motse le masimo.

A re sekole se se botlana sa Mokgware se tlhoka dipaakanyo tse di tseneletseng a tlhalosa gore dipula di gakaditse seemo ka go gogola direpudi tsa matlo a borutelo.

Rre Motlhagodi a re ba na le mathata a temo-thuo ka jaana ba sena molemisi le mokenti ba thusiwa kwa Serowe selo se a reng se ba kgoreletsa go akola mananeo. O kopile gore madi a dikgaolo tsa botlhophi a boele mo taolong ya bogogi jwa metse.

Mongwe wa banni Mme Lekadiba Gareanna o supile letshwenyego la go tlhoka molemisi le mokenti a tlhalosa fa ba kgarakgatshega baya Serowe le Palapye. Mme Gareanna a re ba sala ba kopile ditsha tsa masimo le bonno nako kgolo ke eno a tlhalosa fà ba thatagana le bana le banababana mo malwapeng.

Bontsi jwa banni ba ne ba gatela kgang ya tsela ba supa jalo fa ele selelo segolo sa bone.

Fa a tsibogela dikgang tsa banni Motlotlegi Ramogapi o tlhalositse fa tsela ya Mogome-Mokgware e tlhoka go dirwa ka banni ba  kaelelwa fa dipula dina.

O kopile banni go dirisana sentle le badirelapuso ba nne seopo sengwe, a supa fa asa batle seemo se go senang neelano mo motseng Kgosi, VDC le morafe ba gogela go sele.

Fa a leboga Mokhanselara wa kgaolo ya Mogome/Mokgware Motlotlegi Mpho Gareanna o lebogetse loeto la Mopalamente thata ka ele selo se se molemo mo go bone.

Rre Gareanna leene o ne a supa fa a lela le banni ka seemo sa tsela ,a supa fa tlaa e sala morago thata ko khanseleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mokgware

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 30 Jan 2025