Breaking News

Ba batla Palamente e dirisa teme ya Setswana

30 Jan 2025

Bagolo ba motse wa Mmadinare ba kopile gore dithulaganyo tsa palamente di buiwe ka Setswana gore ba kgone go utlwa baemedi ba bone.

Mongwe wa banni, Mme Oakantse Gopolang o ntshitse mogopolo o kwa phuthegong ya kgotla e eneng e buisiwa ke Motsamaisa Dipuisano tsa Palamente Rre Dithapelo Keorapetse ka Laboraro kwa motseng oo.

Mme Gopolang o ne a supa matshwenyego a gore go le gantsi ga ba utlwe mapalamente ba bua ka bontsi jwa bagolo ba sa itewa seatla mo go tsa thuto.

O tlhalositse fa go le botlhokwa gore go dirisiwe puo ya setswana se gore ba  tlhaloganye dipuisano tsa Palamente sentle le  gore a thomo e ba e rumileng baemedi ba bone ba a e diragatsa.

Mme Gopolang o kaile fa a tlhaloganya sentle gore karolo ya ditlhopho ke bontlha bongwe jwa karolo e e bopang molao motheo wa lefatshe, ka jalo ba tshwanetse go itse se se diragalang kwa palamenteng.

E ntse e le gone kwa phuthegong, mongwe wa banana o kaile fa a sala a weditse dithuto tsa gagwe dingwaga tse di lesome tse di fetileng mme a sa bone tiro. O ne a tlhalosa fa nako e gorogile gore go kgaoganngwe tiro ya mopalamente le ya bo tona.

O ne a re se se ka thusa thata go fokotsa letlhoko la ditiro le le kwa godimo bogolo jang mo bananeng ka e le bone ba ba aperweng ke manokonoko a letlhoko la ditiro.

E rile a ba kgwa dikgaba mothusa motsamaisa dipuisano tsa Palamente e bile e le mopalamente wa Mmopane/ Metsimotlhabe Mme Helen Manyeneng o ne a tlhalosa fa puso e na le maikaelelo a go seka seka le go fetola molao motheo wa lefatshe.

Mme Manyeneng o ne a rotloetsa morafe wa Mmadinare go tla ka megopolo mabapi le tse ka fa ba eletsang molao motheo wa lefatshe o ka nna ka teng. Mme Manyeneng, a re o itemogetse kgokgontsho ya bong le bana e aname le lefatshe ka bophara. 

O ne a re tse e tshwanetse go nna dilo dingwe tse di tshwanetseng go akarediwa fa go dirwa molao motheo. Mme Manyeneng o ne a tlhalosa fa dilo dingwe tse di bakang kgokgontsho ele ka fa botsadi bo sa tsenyeng kgalemo ka teng mo baneng.

O ne a tlhalosa fa batsadi bangwe ba gweba ka bana ba bone ba basetsana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Mmadinare

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 30 Jan 2025