Kemedi ya bomme kwa Palamenteng e a tshwenya
30 Jan 2025
Motsamaisa Dipuisanyo tsa Palamente, Rre Dithapelo Kerapetse o tlhalositse fa dipalo tsa bomme kwa palamenteng ya lesome le boraro di wetse tlase go na le e e fetileng.
Rre Keorapetse o ne a tlhalosa fa se se tshwenya ka dipalo tsa bomme mo lefatsheng di feta tsa borre mme tsholofelo ke gore seo se tshwanetse go supagala le kwa kemeding ya palamente.
Palamente ya bo lesome le boraro e na le bomme ba le boferabongwe mo lekgolong fa e e fetileng ba ne ba le lesome le boraro mo lekgolong.
O ne a re le ntswa palo tsa bomme di wetse kwa tlase se se itumedisang ke gore dipalo tsa mapalamente ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di masome a mane le botlhano di oketsegile go na le tsa palamente e e fetileng fa go lebeletswe sekale sa lekgotla la magoboka la dipalamente tsa lefatshe lotlhe.
O supile fa mo palamenteng e e sa tswang go feta ba ne ba le kwa tlase ga botlhano fa ya lesome le boraro ba le masome a mabedi le botlhano. Rre Keorapetse o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Selebi Phikwe mo thulaganyong ya go isa Palamente kwa setshabeng ka Labobedi.
Rre Keorapetse a re go botlhokwa gore banni ba ikopanye le mapalamente a bone fa ba na le dipotso kana matshwenyego ape fela a ba eletsang go thusiwa ka one. Rre Keorapetse o tlhalositse fa tiro ya Palamente e le go dira melao e e tsamaisang lefatshe mme e bile e sa beye setshaba ka fa mosing.
Le fa go ntse jalo, Rre Keorapetse o tlhalositse fa Palamente e lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhoka ditsompelo di tshwana le tlhaelo ya bodiredi le dikoloi.
O kaile fa mapalamente kwa dikgaolong ba tlhoka dikoloi bogolo jang ba dikgaolo tse di bulegileng, a re se ke sone se se felelang se dira gore e re nako e ba tswang mo tirong ba bo ba le batlhoki ka go ba tlama gore ba dirise ditsompelo tsa bone go thusa setshaba.
Rre Keorapetse o tlhalositse fa dipalo tsa mapalamente di le kwa tlase fa go tshwantshanngwa le mafatshe a mangwe, mme a tlhalosa fa se se dira gore mapalamente a imelwe ke tiro.
Mongwe wa banni ba kgaolo Rre Christopher Modiro o ne a kopa Rre Keorapetse gore e re ba dira melao ba itebaganye thata le e e sireletsang matshelo a batho jaaka dipolao tsa batho di tsweletse ka go gola.
Mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Bophirima Rre Reuben Kaizer o ne a lebogela motsamaisa dipuisano tsa palamente go isa palamente kwa setshabeng a re go tlaa thusa batho ba le bantsi ka jaana ba ntse ba sa itse ka ditsamaiso Palamente. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 30 Jan 2025