Breaking News

Puso e mo thulaganyong ya go tsosolosa itsholelo

29 Jan 2025

Mopalamente wa kgaolo ya Palapye,  Rre Onneetse Ramogapi o lekodisitse  banni ka seemo sa madi a puso, a tlholosa fa sekgwama se tlhotlhoregile.

Mopalamente yo gape aleng Tona wa Lephata la Metsi le Bonno a re ba mo thulaganyong ya go tsosolosa itsholelo a supa fa ba papametse  mo maitlamong a bone a go oketsa madi a itshetso a bagodi go nna P1 800 le P2 500 wa ipelegeng.

Rre Ramogapi o kopile banni go nna pelotelele ka gore puso e tlaa diragatsa ditsholofetso tsa yone fa itsholelo e tokafala.

O boletse fa sepatela e santse ele sone sese kwa godimo mo ditlhabololo tse di tlaa dirwang kwa Palapye.

A re ditsela tsone ke letlhoko legolo a tlhalosa fa a tlaa sala morago kgang ya ditsela.

Fa a araba selelo sa tlhaelo ya boroko jwa barutabana ba Palapye a re Botswana Housing Corporation (BHC) e tlaa aga matlo ale masome a matlhano le bongwe(51) kwa Palapye ko extension 11 mo bogaufing.

Rre Ramogapi o tlhaloseditse banni gore ba fitisitse melao kakaretso ele merataro mme o ba amang thata ele dikereke ka go fokotsa dipalo tsa batho ba ba kwadisang kereke gona masome a mabedi (20) .

Kgosi wa Palapye, Rre Martha Lebang o ne a kopa tona go emela kgang ya sepatela ka dinao a tlhalosa fa seemo sa sone se sa Jese banni diwelang.

Mokwaledi wa khansele ya Palapy, Rre Oboikango Kuti o boletse fa tsela ya extension 5-9 e tlaa tsenngwa mo lenaneo la ditlhabololo la lesome le bobedi (NDP12).

Rre Kuti o tlhalositse gape gore ditsela tse di dirwang ka lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi ditlaa tswelela morago ga ditshekatsheko. Modulasetilo wa Lekgotla la kabo ditsha la Palapye Rre Dean Serumola o boletse fa tiego ya peo ditsha e dirwa ke tlhaelo ya lefatshe.

Rre Serumola a re le ntswa banni ba lela ka ditsha, Batswana ba rekisa ditsha ka seemo sese ko godimo thata a kaya fa mo bekeng tse tharo go fitisiwa ditsha di ka tshwara 220.

Mokhanselara wa Boikago mo Palapye, Rre Mosotho Modirwa o solofeditse tona gore ba tlaa bereka mmogo sentle le makhanselara a kgaolo ya Palapye go tsisa ditlhabololo mo kgaolong.

Rre Modirwa o ne a leboga banni ba Palapye ba ba neng ba tsene phuthego ya kgotla ya Mopalamente ka dipalo a ba rotloetsa go tswelela ba tsiboga fa ba lalediwa  diphuthego. 

Banni ba ne ba lela ka sepatela, le ditsela segolo bogolo tsa di extension le dikgwa tse bareng di baka borukutlhi.

Ba ne gape ba supa ngongorego ka tiego ya peo ditsha. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Palapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Jan 2025