Breaking News

BPC e rotloetsa tiriso ya Roof Top

29 Jan 2025

Mogolwane wa Botswana Power Corporation (BPC), Rre David Kgoboko a re BPC e na le  lenaneo la Roof Top Solar Programme le ka lone kamphani e  rotloetsang Batswana go  itsenyetsa motlakase wa maranyane a letsatsi mo godimo ga matlo ka maranyane a letsatsi. 

Rre Kgoboko o buile se jaaka maloko a Ntlo ya Dikgosi a  ne  a etetse kwa mafaratlhatlheng a motlakase a Morupule B Power Station (MBPS) kwa Palapye. 

A re motlakase wa letsatsi, o kgona go fetlha motlakase o o lekaneng go ka dirisiwa mo lwapeng go bo go sala o mongwe o o ka rekisetswang ba BPC. 

O tlhalositse gore  fa letsatsi le dule, motlakase o o lekaneng o a fetlhega, mme modirisi o ka kgona go rekisetsa ba BPC. 

A re fa wa maranyane a letsatsi o  tima mo tshokogong ba BPC ba leba gore motho o tlhotse motshegare otlhe a sa o dirise ba bo ba neela motho motlakase mahala.

 A re lenaneo la go tsenya motlakase wa Roof Top Solar ga le tsewe ka bontsi mme ba tlaa batla ditsela tse ba ka rotloetsang setshaba go le dirisa.

Mo go tse dingwe, Rre Kgoboko a re bogodu jwa megala ya motlakase bo a tshwenya e bile mo nakong ya gompieno bo tsweletse bo a diragala.

A re ba itemogetse fa bontsi jwa magodu a megala eo ba e rekisa kwa bagwebing ba ditshipi (scrapyards). 

O supile fa batho ba ba gwebang ka go rekisa ditshipi ba reka megala ya bogodu, mme se se supa fa ba rotloetsa bogodu joo. 

Rre Kgoboko o ne a supa fa bontsi jwa ba ba utswang megala ya  motlakase go supagetse fa e le baagisanyi go tswa Zimbabwe. 

A re mo ngwageng o o fetileng ba ne ba ntsha mokwalo o o neng o kopa gore go emisiwe ka nakwana thekiso ya matlakala kana masalela a kopore (copper scrap) mme go letlelelwe ba ba dirisang copper fela jaaka ba BPC, Botswana Telecommunications Corporation (BTC) le ba bangwe. 

Rre Kgoboko a re mo mokwalong oo, ba ne gape ba kopa gore go seka ga letlelelwa ope ntleng le ba go itsiweng gore ba dirisa kopore go feta kwa melelwaneng ka yone. 

Ka jalo a re kgang ya go emisa ka nakwana go feta ga di cable tsa motlakase kwa melelwaneng e batla gore e potlakelwe ka e koafatsa boleng jwa mafaratlhatlha a motlakase mo lefatsheng leno e bile go babalela ba lephata la motlakase ka ba tshwanelwa ke go busetsa kopore e e tlaabong e utswilwe mme ba dirisa madi a mantsi. 

O ne a supa fa go na le bogodu jo bongwe jwa go utswa motlakase kana go itsenyetsa motlakase ka boferefere bo le teng mo lefatsheng leno ntswa bo se bontsi jaaka kwa mafatsheng a mangwe. 

Fa a itebaganya le dikotsi tsa motlakase, a re ditshetsheko di supa  fa bontsi di bakwa ke go sa  selwa morago melawana e e ya go tsenya motlakase. 

Ka jalo, a re ba leka ka bojotlhe go ruta Batswana ka seo. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Loeto

Date : 29 Jan 2025