Breaking News

Ba kopa tharabololo ya bogosi

29 Jan 2025

Banni ba motse wa Mhalapitsa mo kgaolong ya Tswapong bokone ba kopile puso go bona gore ba ka thusiwa jang jaaka kgang ya bogosi jwa motse wa bone e santse e le kwa kgotla tshekelong.

Ba ntshitse matshwenyego kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Bokone, Dr Kesitegile Gobotswang ka Mosupologo.

Banni ba re go tlhoka kgosi kwa motseng wa bone go a ba sokodisa ka ba latela ditlamelo kwa Pilikwe mme se se a ba babalela ka ba tshwanelwa ke go duela dipalamo.

Kgosi Johane Rakumako wa Pilikwe o ne a kopa puso go bona gore ba ka thusiwa jang fa ba santse ba letile tharabololo ya kgang ya wa bone.

A re Mhalapitsa o a babalelwa ke letlhoko la kgosi ntswa ba ba isitseng kgang kwa kgotla tshekelo ba se palo ntsi. 

O supile fa  ba batla ditirelo tse di thusiwang  ke kgosi letsatsi le letsatsi mme ga ba batle go tsena mo dikgannyeng tsa bogosi.

Kgosi Rakumako a re fa go na le dikgang tsa bogosi a di seka tsa babalela banni dingwaga di feta botlhano mme di sa rarabololwe.

O ne a kopa mopalamente go bua le tona yo o lebaneng go re a bone gore o tlhoma mongwe wa nakwana go thusa banni.

Mo go tse dingwe a re kgang ya tsela e e neng e tshwanetse go dirwa kwa Mhalapitsa e saletse kwa morago ka jalo e tshwanetse e tsibogelwe.

Mopalamente wa kgaolo  Dr Kesitegile Gobotswang a re kgang ya bogosi kwa motseng oo e tshwanetse e tsibogelwe ka motse ga o kake wa nna dingwaga  o sena moeteledipele.

A re go na le kgonagalo ya gore motse oo o nne dingwaga di feta lesome o sena kgosi fa di ka lesiwa fela. 

Dr Gobotswang o ne a ntsha mogopolo wa gore  kgosi e ka tsewa kwa motseng o mongwe mme ya thusa morafe go santse go emetswe tharabololo ya kgosi wa bone.

A re dikgosi tsa metse e mengwe jaaka wa Sefhare di tharo mme go ka tsewa yo mongwe a tla go thusa.

O ne a fa sekai ka metse ya Sefhare le Ramokgonami gore e kile ya nna mo seemong se se tshwanang le sa Mhalapitsa mme ga tsisiwa dikgosi go tswa kwa metseng e sele go tla go thusa.

O ne a solofetsa banni fa a tlaa  bua le Tona wa dikgaolo le tsa Ngwao gore a ba thuse ka tharabololo. 

Dr Gobotswang o ne a kopa banni go ntsha megopolo ya gore go dirwe jang ka dikgang tse di diragalang mo malatsing ano tsa kgokgontsho ya bong.

A re mo nakong eno dipalo tsa kgokgontsho di ile kwa godimo thata mme go setse go na le dikgang tse borre ba felelang ba bolaya bana.

Dr Gobotswang ba kganetso ba itumelela gore mengwe ya megopolo e ba neng ba e ntsha e ne ya atega a supa fa se se itumedisa. 

Banni ba ne ba ntsha megopolo e e farologaneng ka kgang ya kgokgontsho e ba supileng fa le bone e sa ba jese diwelang. 

Mme Gaedupe Simon o ne a supa fa dikgang tsa kgokgontsho di le dintsi thata mme di bakwa ke gore badira molato ba nna sebaka se seleele ba ise ba seke mme bangwe ba felela ba dira melato e e tshwanang ba letetse tsheko.

O supile fa badira molato le fa ba dira melato e mengwe ba lesiwa fela ba sa tshegetswe kwa toronkong. 

A re go a gakgamatsa gore dikgang tsa bogologolo di santse di le teng mo bangwe ba boelela dikgang tsa polao, go thubetsa le gone go keteka mme ba bo ba tswelela ba letela tsheko ba le kwa ntle ka jalo o ne a kopa makgotla a ditsheko go fefosa ditsheko.

Fa a akgela mo kgannyeng ya letlhoko la kgosi mo motseng wa bone, o ne a supa fa motse wa Mhalapitsa o setse o na le bangwe ba ba tlhokang tsebe ka o sena kgosi. O ne gape a kopa gore ba nne le poso mo motseng wa bone.

Rre Gabaresepe Motshwaane ene o ne a supa fa a sa itumelele ditirelo tsa kwa kokelwaneng ya bone ka ba kgona go nna sebaka ba sa bone dipilisi bogolo jang tsa malwetsi a a borai a tshwana le a madi a matona. 

O ne gape a ngongorega ka letlhoko la koloi kwa kokelwaneng ya bone a ba a kopa gore baoki ba okediwe gore ba nne bararo.

Rre Baikhuditse Lekolwanyane le ene fela jaaka dibui tse dingwe o ne a kgala kgokgontsho e e tsweletseng ka go diragala bosigo le motshegare mme a kopa borre go ikgalemela. A re borre ba ba kgokgontshang ba tshwanetse ba tseelwe dikgato tse di gagametseng. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Mhalapitsa

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Jan 2025