Breaking News

Boora Mpatane ga ba dumelane le tshwetso ya lekoko

28 Jan 2025

Bontlha bongwe jwa banni ba kgotla ya Mpatane kwa Mathangwane ba amogetse ka megopolo ee farologaneng leina la kgosi e e tla etelelang kgotla eo.

Ba supile pharologanyo eo fa ba ne ba rolelwa Rre William Mpatane go nna kgosi ya kgotla eo ka Labotlhano.

Rre Keobokile Mpatane a re tshwetso e e tserweng go tlhoma Rre William Mpatane go nna kgosi ya bone, e le borra Mpatane ga ba e amogele. Rre Mpatane a re ga ba kgotsofalele tshwetso e e ntshitsweng ke lekoko le le neng le romilwe ke tona.

Mafoko a gagwe a ne a tladiwa ke Kgosi Lewanika Mpatane yo o tlogetseng bogosi ka bogodi, a re kgang ya bogosi jwa kgotla eo e ka rarabololwa ke bone e le borra Mpatane fela.

Kgosi Mpatane a re barongwa ba lekoko la ga tona ba ne ba tsaya letlhakore ka jalo tshwetso tse ba di tsereng ese tsa morafe. A re ga ba aka ba neelwa nako le go nna le seabe mo kgangnyeng eo.

Rre Alfred Magundu le Rre Chester Hulela ba re therisanyo, go sa tseye letlhakore le kagiso ke tsone fela tse di ka rarabololang dikgang tsa mothale o.

E ne e rile pele, Tona ya Dikgaolo le Tsa Ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa, a tlhalosa fa lekoko le le neng le romilwe le weditse pego, mme go supagetse fa Rre William Mpatane e le ene kgosi ya kgotla eo.

Rre Motshegwa a re lephata la gagwe le ne le romile lekoko go batlisisa ka bogosi jwa kgotla eo, mme ba weditse tiro eo. A re lekoko leo le ne la tsaya boikarabelo jo ba neng ba bo neetswe ba reetsa batho mme ditshekatsheko tsa supa fa bogosi bo lebagane Rre William Mpatane.  

Rre Motshegwa o tlhalositse fa lephata la gagwe le sa bee bogosi mme tiro ya lone e le go lebelela gore molao wa bogosi wa reng le se batho ba se tlhalosang.

A re ka go supagetse fa bangwe ba sa dumalane le tshwetso ya lekoko le le neng le romilwe, ebile ba le kgatlhanong le seo, ba tlaa neelwa malatsi a le masome a mararo go ikuela.  A re fa boikuelo jwa bone bo na le moko bo tlaa reediwa mme fa bo sa tia, tshekatsheko le dipatlisiso tsa lekoko di tlaa diragadiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Mathangwane

Event : phuthego ya kgotla

Date : 28 Jan 2025