Breaking News

Bagwebi ba merogo ba batla melelwane e bulwa

28 Jan 2025

Batswana ba ba gwebang ka go rekisa merogo ba re ba batla melelwane e bulwa gore ba kgone go ithekela merogo kwa Afrika Borwa go e rekisa mono.

Mongwe wa bagwebi, Mme Tlhokomelo Kgogobi yo o dingwaga di masome a mane le bone yo rekisetsang gaufi le marekisetso a Wayside mo Lobatse o buile jalo mo potsolotsong le BOPA a re ntswa go tswalwa ga melelwane go siame ka go godisa balemi ba mo gae, go felela go ba baya ka fa mosing.

Are go le gantsi, balemi ba merogo fa ba sena go ba rekisetsa,  le bone ba tsaya sebaka seo go phadisanya le bone, e bile ba rekisa  merogo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. Mme Kgogobi o boletse fa go dira jalo, go ba tseela bareki.

O boletse fa kgwetlho e nngwe ele ya batswakwa ba ba rekisetsang go bapa le bone, e bile ba rekisa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase thata. A re le fa puso e tswetse melelwane, go na le ba ba tlolang molao ka go tlhagela terata ya melelwane ka merogo.

Are fa ba ba dirang jalo ba sa tseelwe dikgato, seemo se tlaa tswa mo taolong, mme se phutlhamise maiteko a bone a go gweba le a itshetso.

Mme Suzan Mokobela le ene a re balemi ba merogo ba rekisetsa batho ka bongwe ka bongwe a bolela gore go baya dikgwebo tsa bone ka fa mosing. Are fa melelwane e ka bulwa, go tla ba thusa go simolola go itseela merogo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase mme ba dire dipoelo.

Mme Ontiretse Kootswele o boletse gore go sa nna teng ga merogo mengwe go isa dikgwebo tsa bone kwa tlase. O boletse  fa ba sokola go bona merogo mme ba e latela kgakala kwa Leporung, mme madi otlhe a felela mo dipalamong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Interview

Date : 28 Jan 2025