Breaking News

Ramogapi o solofetsa go baakanya seemo sa metsi

28 Jan 2025

 Puso e solofetsa fa e tla gokela phaephe ya metsi kwa Patayamatebele go tsibogela selelo sa letlhoko la metsi.

Tona wa Metsi le Bonno, Rre Onneetse Ramogapi o tlhalositse se mo phuthegong ya kgotla kwa Patayamatebele ka Mosupulogo, a tshepisa fa metsi a tlaa gogiwa go tswa Francistown le Ditladi a bo a phatlaladiwa le motse go baakanya seemo.

Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola banni go ikitaya ka thupana go duela sekoloto sa metsi, are go dira jalo, go tla thusa koporase ya metsi go tlamela banni ka ditirelo.

Rre Ramogapi o ne a tlhalosetsa banni fa tsotlhe tse puso ya gagwe e di solofeditseng, e itlama go di dira. Tona a re puso ya gagwe ee sa tswang go tsena, e itebagantse thata le ditshwanelo tsa setho mme ka jalo metsi e le nngwe ya ditshwanelo e bile a le bothokwa fela thata.

 E ne e rile fa a amogela baeng, Kgosi ya Patayamatebele Rre Dick Moreng, a tlhalosa fa motse wa gagwe o na le seemo sa letlhoko la metsi e bile a supa fa ba kile ba solofediwa letamo mo motseng wa bone go thusa ka letlhoko le. Ka jalo, o ne a kopa Tona go tsaya dilelo tsa banni tsia ka jaana metsi e le one botshelo.

Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa Tati East, Rre Tlhabologo Furniture o ne a solofetsa banni gore o tlaa a lekola Tona Ramogapi  kgapetsakgapetsa ka tsholofelo ya gore seemo sa bone se tlaa potlakelwa.

Rre Furnisher o ne a tlhalosa fa e le tshwanelo gore ditlamelo di latele batho go na le gore batho ba latele ditlamelo. A re e re ka jaana setshaba se ba file boikarabelo e bile se ba romile, ba tshwanetse go se direla ka boammaruri.

Are puso e ntsha e tshwanetse ya tla ka diphetogo tse di tlaa fetolang matshelo a Batswana go na le gore ba nne ka di tsholofetso tse di sa diragadiweng.

Mo tekodisong, mogolwane wa ditlhabololo tsa motse, Rre Moesi Lekuni o ne a tlhalosa fa ba lebaganwe ke dikgwetlho di se kana ka sepe, mme a supa fa letlhoko la metsi le di goga kwa pele.

Rre Lekuni o ne a bolela fa ba sa babalesega ka jaana ba a nwa metsi aa kgotlelesegileng a tswa mo sedibeng. A re koloi e e neng e ba siela metsi e emisitse go dira jalo, ka go bolelwa e nna fela e senyegile.

Rre Lekuni a re matshenyego a mangwe a akaretsa go tlhoka tsela mo go dirang gore banni ba sokole ka tsa dipalamo. O supile fa letlhoko la bonno le lone le babalela banni ga mmogo le letlhoko la ditiro le le apereng banana ba motseo oo.

Monana wa Patayamatebele Rre Kebagamang Mokopi, o kopile puso go fefogela seemo ka jaana ba a nwa metsi a a ka bayang matshelo a bone mo kotsing, a supa gape fa ba sena ditlamelo tsa botsogo mo motseng wa bone. BOKHUTLO

Source : bopa

Author : Kelebogile Taolo

Location : Francistown

Event : phuthego ya kgotla

Date : 28 Jan 2025