Barui ba gakololwa go nna podimatseba
27 Jan 2025
Barui ba kgaolo ya Kgalagadi Bokone ba gakolotswe go itisa mo go jeweng ntsoma ke bareki ba dikgomo.
Tshwaelo e, e dule ka mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Rre Reason Lekutlane fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Ncaang, e le nngwe ya diphuthego tsa gagwe tse di tsweletseng go lekola.
Rre Lekhutlhane o supile fa puso e sena thata ya go laola tlhwatlhwa ya dikgomo tsa bone jaaka ba akanya, ka jalo a ba rotloetsa go ikemela ka dinao go netefatsa gore ba bona dipoelo tsa leruo la bone.
A re ba ka dira jalo ka go ipopa ditlhopha, ba bopa makgotla a barui go dira gore lentswe la bone le kgone go utlwala bonolo.
Rre Lekutlane o supile fa dikomiti tsa mofuta o, di le botlhokwa ka di tlhofofatsa gore barui ba kgone go ipuelela ka lentswe le le lengwe.
O ne a kopa banni go nna ka tsholofelo, a supa fa dithulaganyo tsa go dira tsela ya Ncojane-Hukuntsi di tsweletse.
Rre Lekutlane a re puso e setse e ntshitse madi a go dira moalo wa tsela eo, a supa fa a tlaa dira bojotlhe kwa palamenteng gore tsela eo e fiwe madi.
A re letlhoko la tsela ke lone le dirang gore go nne thata go tsisa ditlamelo mo metseng e e amegang, a supa gore fa tsela e le teng go tlaa nna bonolo go tsisa ditlamelo.
“Ke dumela gore tsela e, e tlaa thusa go tlhama mebereko, e bile e tlaa thusa go gokaganya motse wa lona le e mengwe, jalo e thuse thata go kabakanya itsholelo,” a supa.
Fela jaaka tsela, Rre Lekutlane o supile thulaganyo ya go tsisa metsi mo Kgalagadi Bokone Ncojane-Hukuntsi Water Supply Project le yone e le gaufi le go ya motsubong.
A re thulaganyo eo e na le lebaka e faraferwe ke dikgang, a supa fa e santse e tshwerwe ke lekgotla la ditsheko mme e tloga e fela.
A re tumelo ya gagwe ke gore e tlaa re fela fa tshwetso e sena go tsewa ke lekgotla, go bo go nna bonolo gore e tswelele pele.
Rre Lekutlane o supile fa a lemoga kutlobotlhoko e banni ba tshelang ka yone, a supa fa dikgang tsa letlhoko la metsi, motlakase le tsela e le tsone tsa konokono.
O ne a ba rotloetsa go nna ka tsholofelo ka a itlamile go tsisa ditlamelo tseo mo sebakeng se sekhutswane.
Fa a ntsha la gagwe, Molaodi Veronica Rabakane o ne a gakolola bodiredi jwa lephata la thuto gore go tlhokafala gore borre le bone ba fiwe sebaka sa go ruta bana ba dithuto tsa kwa meding, bogolo jang ba ba ithutetseng tiro eo, e bile ba supa kgatlhego e ntsi.
A re fa go thapiwa ga go a tshwanelwa go sekamelwa ntlha e le nngwe fela, go tshwanetse go dirwa ka tekatekano go lebeletswe bokgoni.
O supile fa a tlaa buisanya le bogogi jwa seromamowa go utlwa gore mathata e ka tswa e le eng a a bakang gore banni ba seka ba tlhola ba kgona go tshwara letshwao la Seromamowa sa Botswana.
Banni ba ne ba supile gore bothata jo bo dira gore ba tlhaelwe ke go utlwa dikgang, mananeo a puso le dikitsiso tsa setshaba ka kakaretso.
Ba supile fa letswao leo le nyeletse ngogola.
Banni ba ne gape ba supa fa ba tlhoka go sirelediwa kgatlhanong le bareki ba dikgomo, ba supa fa dikgomo tsa bone di rekwa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.
Ba supile fa se se isa itsholelo ya bone kwa tlase e bile go kganela maiteko a bone a go leka go intsha mo lehumeng.
Modulasetilo wa khansele ya Hukuntsi, Rre Steven Lekgobero a re khansele e tsere tshwetso ya go fetola selebego sa matlo a a agelwang batlhoki gore go agwe go ya ka keletso ya mong wa ntlo, a supa fa se se tlhokafalang e le fela gore tlhwatlhwa e seka ya feta selekanyetso se se beilweng sa P125 000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : Hukuntsi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Jan 2025