Breaking News

Borre ba tshwaraganela kgwebo ya mashi

27 Jan 2025

Moso le moso pele ga mokoko wa ntlha o lela, Rre Benjamin Semathane o iketleeletsa kwa lesakeng la gagwe sekgalanyana fela sa dikhilomethara di le tlhano go tswa kwa Lobatse go lekola, go tlhaola le go gama dikgomo.

E re ka phokoje go tshela yo o dithetsenyana, ga a ipone tsapa ka gore fela morago ga go gama, mashi a santse a le bothito go tswa mo kgomong o a tsapoga go ema fa tseleng go rekisetsa bafeti le tsela.

Ka go tlhaloganya fa kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa e bile mabogo dinku a thebana, Rre Semathane o dira se a ikopantse le borre ba le bane go rua dikgomo le gone go tshwaraganela tiro ya go rekisa mashi gore ba kgone go itshetsa.

Borre ba ke bontlha bongwe jwa borre ba meraka e e dikologileng madirelo a magolo a puso e e tlaa agang a tshugo ya matlalo ebong a Lobatse Leather Park.

Borre ba, ba tumile thata ka go rekisa mashi a dikgomo foo mme ba itse sentle gore korwe ga ke je ke bapalela tsetsi ka jalo madi ao ba a dirisa go tshetsa ba malwapa a bone.

Rre Semathane o supa fa a sale a simolola go rekisa mashi fa tseleng ka ngwaga wa 2008 fa a golola kwa mmerekong.

A re dikgwetlho tsa botshelo di ne tsa mo tlama go ikemela ka dinao go bona gore bana ga ba wele mo isong.

Ka jalo, o boletse fa a ba rekela diaparo tsa sekolo, dijo le molora ka madi a mashi.

Rre Semathane le ba a dirang le bone ba gama malatsi a le mararo mo bekeng mme ka letsatsi ba gama dilithara tse 40 tsa mashi, tse e reng morago ga go di rekisa ba kgaogane madi.

O supile jalo gore jaaka fa e sale a simolola go rekisa mashi, botshelo jwa gagwe bo tokafatetse.

Rre Lucas Mongwaketse le ene fela jalo o itshetsa ka go rekisa mashi mme ebile a supa fa a le bogadi bo gaufi go gaisa madila ka one a tsaya nako go dirwa.

“Ga o kake wa tlhoka molora fa o dira jalo e bile madi a re a dirisa gape go rekela dikgomo sepe se se tlhokegang jaaka tipi le tse dingwe,” a tlhalosa.

Rre Mongwaketse a re o na le ngwaga tse tharo a ntse a rekisa mashi.

A re ba setse ba itiretse botsalano jo bontle le bareki ka ba itse fa ba ka bonang mashi a e leng gone a gamiwang teng.

A re le ntswa ba oba letsogo ka thekiso ya mashi, go gama mashi le go tsena fa sakeng  go botlhokwa mo go bone ka go lapolosa tlhaloganyo.

“Fa o tswa golo gongwe ka maikutlo a a kgoberegileng, fa o tsena fa o a lapologelwa, o fokwe ke phefo o bo o akanye ka tsela e e faphegileng,” a tlhalosa.

Mongwe wa bareki ba popota ba mashi ao yo o a rekang a le mantsi nako le nako Mme Jakomboka Tjituaiza-Katjiova o supile gore o dirisa mashi ao thata go dira maere, a e leng mohuta wa madila o o tlwaelesegileng go dirwa ke morafe wa Baherero.

A re o dira jalo go ikgopotsa dijo tsa ngwao ya gagabo le go ikgakologelwa kwa a tswang teng.

Gape a re o ngokelwa go reka foo ka gore borre bao ba itse go tshwara bareki ka matsetseleko.

Mme Tjituaiza-Katjiova a re o kgotsofalela boleng jwa mashi a borre bao, a supa fa a a rekwang ka mabentleleng a tshabelelwa ke go senyega ka bofefo mme gape a sa kgone go dira maere a boleng jo a bo batlang.

Mo godimo ga moo,  a re o a rata ka gore ga a tsenngwe metswako epe. 

Se, a re se tsamaalana le le dikgakololo tsa ba botsogo tse di rotloetsang go jewa ga tsone.    BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lobatse

Event : Potsolotso

Date : 27 Jan 2025