BOCRA e abela sekole dikago tsa maranyane
27 Jan 2025
Mo maitekong a go rotloetsa mhama wa thuto le go tokafatsa maduo, khamapani ya Botswana Communications Regulatory Authority (BOCRA) e tswa kgakala e ikabetse sekole se se botlana sa Struizendam mo kgaolong ya Tsabong.
Fa a bula semmuso dikago tsa Computer Laboratory kwa sekoleng sa Struizendam ka Labotlhano, Mothusa Tona wa Lephata la Ditlhaeletsanyo le Ditlhamo, Rre Shawn Ntlhaile o kgothaditse baithuti ba sekole se se botlana sa Struizendam go tsenya marapo dinameng ka go tlhwaaafalela dithuto tsa bone go ipetlela bokamoso jo bo eletsegang mo isagong.
O kopile gore didirisiwa tsa ICT tse ba di abetsweng ke BOCRA go dirisiwa ka fa tshwanelong ka di ba fa sebaka sa go phadisanela maduo aa botoka go tshwana le bana ba kwa ditoropong ba sa inyatse gore metse ya bone e kgakala thata le ditlamelo.
Rre Ntlhaile o kgothaditse batsadi go tshwaraganela dithuto tsa bana le barutabana ka nako tsotlhe ka seo se ka thusa thata mo maduong aa kgatlhisang mo sekoleng seo.
O ne a tlatsa ka go supa fa mmino wa Polka oo tumileng thata mo kgaolong eo ka fa o binwang ka teng mme e bile ba o ithuta ba sa ntse ba le bannye o rotloetsa kagiso fa gare ga borre le bomme.
A re mmino oo, o ka fokotsa kgokgontsho (GBV) ya bomme le bana e e apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba selo se puso e ntsha e sa se beeng sebete.
Fa a rola semmuso dikago tseo mogolwane wa BOCRA Rre Martin Mokgware o ne a tlhalosa fa maikalelo a khamphani e le go thusa puso fa e tlhaelang teng ka go tsenya letsogo go thusa bogolo jang mo go tsa thuto.
O ne a tlhalosa fa ba setse ba na le ngwaga tse di fetang lesome le botlhano ba ikgethetse sekole se se botlana sa Struizendam ka lenaneo la Adopt-a-School le le simolodisitsweng ka 2000.
A re BOCRA e tshwaraganye le letlole la Universal Access and Service Fund (UASF) go thusa ka madi go atolosa maranayane a ICT mo dikoleng go simolola ka 2018.
Rre Mokgware o boletse fa mo dingwageng tseo ba tsweletse ka go thusa sekole seo mo ditirong tse di farologanyeng di akaretsa kabo-dimpho, maeto a dithuto, paka ya sekole le tse dingwe e le tsela nngwe ya go tiisa baithuti moko go tokafatsa maduo.
O ne a supa fa ba ne ba tshwaragana le khansele ya Tsabong ka ngwaga wa 2022 go simolodisa kago ya computer Lab mo Sekoleng sa Struizendam e ba e rolang semmuso, mme ba setse ba abetse dikole tse di farologanyeng tse di potlana, maikaelelo e le go tswelela ba thusa le mo dikgaolong tse dingwe go rotloetsa lephata la thuto mo tokafatsong maduo.
Rre Mokgware o ne a galaletsa khansele ya Tsabong ka go baa leitlho mo tlhokomelong ya tiro gore e weditswe ka fa go tshwanetseng ka teng ka madi le lobaka lo lo neng lo dumalanwe.
Moitsaanape wa tsa dikago kwa khanseleng ya Tsabong Rre Ditebogo Abang o ne a tlhalosa fa tiro ya kago ya Comp Lab e ne ya abelwa Motswana mo Tsabong wa khamphani ya Third Eye (PTY) LTD ka madi aa fetang P2 million ee simolotsweng ngwaga wa 2023 ka kgwedi ya Mopitlo mme e ne e solofetswe go wetswa ka kgwedi ya Phatwe mo ngwageng oo.
A re e re le ntswa go ne ga nna le ditiego ka mabaka a go tsa kgakala dithoto le tse dingwe, se se molemo go ne ga dirisiwa madi aa neng a dumalanwe le selebego sa boleng jo bo kwa godimo jwa kago eo lefa go ne ga oketswa lobaka go fitlhelela ngwaga oo fetileng.
Mogokgo wa sekole se se botlana sa Struizendam Mme Lenah Babeile o tlhalositse fa sekole se, se tswa kgakala se tshwaragana le BOCRA, e bile ba galaletsa thata ka kago ya computer Lab a supa fa e tla tokafatsa maduo le go akola maranyane a ICTmo sekoleng ka ebile go na le modiri wa IT yo o nang le kgatlhego le tebelopele ya go fetola seemo mo go tsa maranyane.
Motshwarelela mookamedi wa lephata la thuto mo kgaolong ya Tsabong Rre Daniel Zulu o ne a opela legofi BOCRA ka maikalelelo le maitlamo a bone mo go rotloetseng thuto mo kgaolong eo.
O boletse fa baithuti ba sekole seo ba le 181 go simolola ka Reception go ema ka lokwalo lwa bosupa, mme mo maduong a ngwaga oo fetileng a lokwalo lwa bosupa ABC e ne ele 70 per cent. A re morago ga go ikabela sekole sa Struizendam go nnile le pharaloganyo, kgolo le katlego ya maduo mo sekoleng,
O ne a supa fa dikago tsa Computer Lab e se didirisiwa fela mme ke botswelo jwa kgoro ya dikitso, ditlhamo,go inonotsha le go ithuthuntsha.
Tona wa Lephata la Ditlhaeletsanyo le Ditlhamo, Rre David Tshere o ne a abela bana ba dikole tsa Bokspts, Rapplespan,Vaalhoek le Struizendam ba ba tsereng lotshwao lwa A ba le supa P5 000 le tablet mongwe le mongwe wa bone ba lotshwao lwa B ba le lesome le bongwe bone ba bona P2 500 le tablet e le tsela nngwe ya ba tiisa moko.
O ne a gape a abele ngwana mongwe le mongwe wa sekolo sa Struizendam ditlhako le dikausu se e le go ba tiisa moko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Struizendam
Event : Official opening
Date : 27 Jan 2025