Maranyane a tlhofofatsa ditirelo
27 Jan 2025
Tona wa Ditlhaeletsanyo le Ditlhamo Rre David Tshere a re maranyane le ditlhaeletsanyo di botlhokwa ka di tlhofofaletsa Batswana ditirelo tsa puso.
Tona Tshere o buile jaana kwa phuthegong ya kgotla kwa Struizendam mo bosheng jaaka a ne a ile go lekola morafe a patilwe ke mothusi wa gagwe, Rre Shawn Ntlhaile. Ba ne gape ba itsese morafe ka ditirelo tsa lephata la bone.
O tlhalositse fa lephata la Ditlhaeletsanyo le Ditlhamo le le lesha mme le itebagantse le tsa ditlhaeletsanyo ka go aba diteseletso le gone go sireletsa badirisi ba tsone ka go ba sekegela tsebe ka matshwenyego a bone mabapi le ditirelo tse ba di neelwang.
Rre Tshere yo gape e leng Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, o boletse fa dikhamphani tsa ditlhaeletsanyo di akaretsa Mascom, Botswana Telecommunications Corporation, Orange le diromamowa tse di ikemetseng, mme lephata la gagwe le tlhomamisa gore a ba sala morago ditumalano tsa diteseletso. Lephata le gape le tsosolosa ditlhamo tsa setshaba.
Rre Tshere o ne a supa fa puso e rotloetsa maranyane le ditlhaeletsanyo ka go tsosolosa le go tokafatsa phatlalatso ya one go thusa gore Motswana mongwe le mongwe a akole boleng teng jwa maranyane kwa malwapeng, metseng, dikole le mo diofising tsa puso.
A re gape ba tlaa sekaseka gore a ditlhwatlhwa tsa Botswana le mafatshe a a mabapi ga di babalele badirisi.
O boletse fa dikgwetlho di akaretsa bokoa jwa ditlhaeletsanyo tsa megala ya letheka mo metseng e e gaufi le melelwane le go tlhoka go tshwara matshwao a diromamowa le Btv mo mafelong mangwe mo lefatsheng leno.
Kgosi Isaac Titus wa motse oo o ne a kopa go thusiwa ka ditlhaeletsanyo tsa network ka ba le gaufi le mafelo a diphologolo. A re seemo sa go tlhoka ditlhaeletsanyo se babalela bajanala, badisa diphologolo le banni ka kakaretso.
Kgosi o ne gape a kopa motlakase mo lefelong la diphologolo le ba leng gaufi le lone la Kgalagadi Transfrontier Park, sekonetere mo tseleng ya Bokspits-Struizendam le mokenti gore ba lese go mo latela kgakala kwa Tsabong.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Jan Matthys ene o ne a kopa tona go ba thusa ka lenaneo le le pharologanyo la temo ka banni ba sa le akole mananeo a puso a temo ka pula e le boutsana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Struizendam
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Jan 2025