Magosi a akgola sekole sa BIUST
26 Jan 2025
Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Malope II o akgotse sekole sa ithutelo maranyane sa Botswana International University of Science and Technology (BIUST) go bo se kgonne go fitlhelela go le gontsi thata ntswa se sena dingwaga di le dintsi thata se dira.
O ne a bua jalo mo Palapye ka Laboraro jaaka maloko a Ntlo Ya Dikgosi ba ne ba etetse sekole seo.
A re go a itumedisa gore sekole seo se bo se supa fa mo dingwageng tse pedi ka tatelano se ne se gaisitse dikole tse dingwe tsa ithutelo tiro mo lefatsheng leno se le mo maemong a ntlha.
Ka jalo, o ne a se akgolela tiro e ntle e se e dirang. O ne a supa matshwenyego ka seemo se ba neng ba se lekodisiwa sa letlhoko la boroko jwa baithuti, a supa fa baithuti ba sa tshwanela gore e re ba dira dithuto tse di kwa godimo jalo ba bo ba kgoreletswa ke go tlhoka boroko.
A re kgang eo e tshwanetse e tsibogelwe.
E ne e rile go le pele, motshwarelela mogokgo wa sekole seo, Rre Davies Tele a lekodisa maloko a Ntlo Ya Dikgosi ka tse di farologanyeng di akaretsa gore sekole se tsweletse jang le dikgwetlho tse di leng teng.
O ne a ba lekodisa fa sekole se dira sentle fela thata mo dintlheng di le dintsi di tshwana le tsa ditshekatsheko le mo go tsa dithuto tse di farologaneng tsa maranyane.
O ne a supa fa BIUST e ntsha baithuti ba dithuto tse di kwa godimo mo e bileng palo ya 48% e bona ditiro mo dikgweding tse thataro ba sena go aloga.
O ne a tlhalosa fa sekole sa BIUST se ne sa tsaya maemo a ntlha mo dikoleng tse dingwe mo lefatsheng leno ka ngwaga wa 2023 le 2024 ntswa se na le dingwaga di le lesome se ntse se dira.
Rre Tele o ne a lekodisa dikgosi fa sekole se tla a simolodisa maranyane a a lebang lefatshe go tswa kwa godimo a a bidiwang low earth orbit satellite e le one a ntlha mo lefatsheng leno.
O ne a lebogela puso go neela sekole sa gagwe lefatshe la selekanyo sa 2 500 hectares a supa fa ba tla a kgona go dira tsotlhe tse ba ka eletsang go di dira.
Rre Tele a re go le pele puso e ne e romela baithuti ba le palonyana e nnye e e kwa tlase ga lekgolo go ya go ithutela maranyane kwa ntle ga lefatshe leno ka jalo BIUST e ne ya thusa fela thata ka ngwaga le ngwaga go aloga baithuti ba le 300 kana go feta.
A re dithuto tse di dirwang mo sekoleng sa bone ke dithuto tsa maranyane tse di tseneletseng, tsa dipatlisiso, go lekeletsa maranyane go ka tswa ka maranyane a a tla a isang lefatshe leno golo gongwe.
Fa a bua ka botsalano jwa sekole le ba-na-le seabe, o ne a re BIUST e nyalane le ditsala mo lefatsheng leno le kwa ntle ga lefatshe mo ditirong, a tlatsa ka gore ba bo ba le mo Palapye ga go kgoreletse sepe.
Rre Tele a re ntswa go na le dilo tse dintle tse ba di dirang, ba na le kgwetlho e tona ya letlhoko la madi.
A re bontsi jwa tse ba batlang go di dira di tlhoka madi ka jalo ditiro tsa bone ga di tswelele sentle.
Mothusa modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi, Kgosi Mbao Kahiko III o ne a leboga BIUST gore e bo e tshwere ka thata ntswa e na le dikgwetlho dingwe.
A re ditiro tsa sekole seo di dintsi thata e bile se na le maiteko le maikaelelo a go baya lefatshe leno kwa pele.
Kgosi Kahiko a re go supa fa boeteledipele jwa sekole seo bo na le maikemisetso a go se isa kwa pele.
A re e le dikgosi ba na le maikaelelo a go tshwaraganela le puso go dira ditlhabololo, ka jalo ba tshwanetse ba dire ditshutiso tse di ka thusang sekole seo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : LOETO LA DIKGOSI KO BUIST
Date : 26 Jan 2025