Breaking News

Dikgosi di kopa tokafatso ya pereko

26 Jan 2025

Dikgosi tsa kgaolo ya Mabutsane di kopile puso go batla tharabololo ya dikgang tsa bogosi gore bo robalelwe ke ditlhokwa.

E rile ba bua kwa phuthegong ya boeteledipele jwa morafe e e neng e buisiwa ke Mothusa Tona wa Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ignitius Moswaane kwa Mabutsane bosheng, ba tlhalosa fa bogosi bo aparetswe ke dikgang tse di digang seriti sa jone. Ba ne gape ba supa fa diemo tsa bone tsa pereko di tlhoka go tokafadiwa go ba kgothatsa go direla morafe ka botswapelo.

Kgosi Mokgala Mosesane wa Itholoke o ne a kopa gore puso e ba thuse gore go nne le molao o o tsepameng o o ka salwang morago fa go amoganwa bogosi. 

A re ka tlholego bogosi bo ikaegile ka ditso tsa metse mme mo malatsing a gompieno go na le diketsaetsego ka tsamaiso eo. A re se se dira gore metse mengwe e tsee lobaka e sena dikgosi go santse go tsukatsukanwa.

“Bogosi bo aparetswe ke dikgang ka gore ga bo rolwe sentle mme ke dumela gore merafe yotlhe e na le ditso tse e leng gore bogosi bo ikaegile ka tsone. Re kopa gore puso e lebelele golo fa go tle go baakanngwe dilo tse, go seka ga nna le kwa go tweng bogosi jwa teng ga bo tsalelwe,” a tlhalosa.

Kgosi Mosesane o ne a kopa gore dikgosi di nne di tlhatlosiwa maemo gore di tle di kgothale. A re go kgoba marapo gore ba tseye dingwagangwaga maemo a bone a sa fetoge.

E rile a iteela mafoko ao kobo moroko, Kgosi Moratiemang Tshubalobone wa Kanaku a tlhalosa fa tsamaiso ya bogosi e baya metse e e kgakala le ditlamelo ka fa mosing. 

A re e re ka jaana metse eo e le mesha mo mererong ya bogosi, ga go nne le tekatekanyo mo gare ga yone le merafe e mengwe.

“Metse ya rona e e kgakala le ditlamelo ya merafe ya Sesarwa e ka fa mosing ka gore bogosi jwa rona bo bosha. Le rona re kopa go fiwa maemo a boemela kgosi ka jaana merafe ya rona e gola,” ga tlhalosa Kgosi Tshubalobone.

E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Kgakgamatso Moletsane wa Mabutsane a tlhalosa fa ditirelo tsa bogosi di santse di eme golo go le gongwe ntswa kgaolo ya bone e tlhatlositswe maemo go ikemela. 

A re ba santse ba thusiwa kwa Kanye ka ditirelo dingwe, ka jalo ba kopa gore maemo a bogosi jwa kgaolo ya bone a tlhatlosiwe.

E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Moswaane a ba kopa gore ba itlwaetse go kwala ditso tsa merafe ya bone go thusa go rarabolola ketsaetsego ya go amogana bogosi. A re e re ka jaana merafe yotlhe e na le ditso, go tshwanetse ga tlhamaladiwa ka mekwalo go tlhofofatsa dilo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MABUTSANE

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 26 Jan 2025