Ba Chobe ba itlama go thusa puso
23 Jan 2025
Banni ba kgaolo ya Chobe ba solofeditse gore ba tlaa thusa puso go batla ba malwapa a marapo a baswi a a epolotsweng kwa lefelong la kago ya matlo a badirelapuso kwa Palamaokue mo Kasane.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Kasane ka Labobedi Tona wa Lephatha la Tikologo le Bojanala, Rre Wynter Mmolotsi, a tlholosa fa ba khamphane e e agang matlo a, ka lenaneo la Kasane- Kazungula Redevelopment Project, ba epolotse marapo a batho ba le barataro.
A re puso e dirile phoso ka go tlhoka go rerisa morafe wa Chobe ka ditlhabololo tsa mo Kasane, selo se a reng se kabo se thusitse go ribolola fa masika a bao ba neng ba nna kwa Palamaokue ba fitlhileng ba malwapa a bone kwa lefelong la kago ya matlo a.
Rre Mmolotsi a re baitsaanape ba ba sekasekang seemo sa mmu le dipe tse di ka tswang di katetswe ba dirile dipatlisiso tse di neng tsa supa fa go sena marapo kana sepe mo mmung mme ya re tiro ya kago e ntse e tsweletse ga epololwa marapo.
Tona o tlhalositse fa marapo a a ne a isiwa kwa ditlhatlhobong tse di supileng ele a batho, selo se a reng se supa fa bodiredi jo bo neng bo thapilwe go dupa di tswa mmung bo sa dira tiro ka manontlhotlho. Rre Mmolotsi o kopile maitshwarelo mo banning ba Chobe ka tiragalo e.
Le fa go ntse jalo o buile fa tiro ya kago e tlaa tswelela ka e le botlhokwa thata mo go fetoleng selebego sa Kasane e le lefelo la bojanala mme a re baagi ba tla leka go sutisa dikago kgakajana le fa marapo a epolotsweng teng. O ne gape a kopa banni ba Chobe ba ba nang le masika a a neng a nna kwa Palamaokue go thusa puso go lomagana le masika a bao ba ba fithilweng kwa Palamokue.
E rile ba akgela, banni ba Chobe go tswa Parakarungu go ya Pandamatenga ba tlhalositse fa go tlhoka morero e le gone go bakileng gore marapo ao a epololwe selo se ba reng se ka bo se sa diragala ka mokgwa o fa goromente a ne a tshwere morero le setshaba.
Ba tlhalositse fa e se thomo ntsha mo Botswana gore mabitla a sutele ditlhabololo ka jalo ba re fa go ka bo go nnile le morero ba ka bo ba boleletse baagi fa go nale mabita kwa lefolong le. Le fa go ntse jalo, banni ba ne ba supa fa ba ema goromente nokeng go tlhomamisa gore ditlhatlhobo di a dirwa go batla masika a ba masalela a bone a epolotsweng.
Mopalamente wa Chobe, Rre Simasiku Mapulanga o ne a tlhalosa fa ketsaetsego e e bakilwe ke go tlhoka morero magare ga goromente le morafe. A re ka go setse go senogile fa go na le mabitla fa dikagong tse disha, goromente o ka tlhabolola lefelo leo go le dira sefikantswe go tlotla ba ba robetseng mme ditlhabololo di tswelele.
Rre Mapulanga a re sefikantswe se gape e ka nna karolo nngwe ya go ngoka bajanala go tla go ithuta ditso tsa Chobe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : KASANE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 23 Jan 2025