Mopalamente o rotloetsa tirisanyo mmogo
23 Jan 2025
Mopalamente wa Tswapong Bokone Rre Prince Maele o kopile bogogi jwa metse ya kgaolo ya gagwe go bereka ka natla ba le seopo sengwe.
Rre Maele o buile jalo kwa bokopanong jwa gagwe le bogogi jwa metse e e masome a mabedi le bongwe ya kgaolo ya Tswapong Bokone kwa Lecheng ka Labobedi. A re maikaelelo a bokopano joo ke go dira moalo wa ka fa ba tlaa berekang mmogo ka teng.
Rre Maele yo gape a leng Tona wa Thuto e Kgolwane o ba solofeditse gore o tlaa tlotla makhanselara a gagwe le go bereka sentle ka tshwaragano le bone le ntswa ba farologana ka diphathi tsa sepolotiki.
O supile fa a tlaa tshwara bokopano le makhanselara e le tsela ya go bopa tshwaragano fa gare ga gagwe le bone gore ba tle ba goge kgaolo sentle. Mopalamente o rotloeditse makhanselara a kgaolo gore ba tshwaragane ba bo ba emane nokeng fa ba ntsha megopolo kwa khanseleng.
A re kgang kgolo ya bone ke go tlotla dikeletso tsa morafe,a supa fa go le botlhokwa gore ba dirisane sentle ka go sa direng jalo go ka babalela morafe.
Rre Maele o ba kopile gore ba ntshe sepolotiki mo ditlhabololong gape ba seka ba gogela dikgosi mo polotiking, a rotloetsa dikgosi go ikgapha go itsa go thuba motse.
O ba kopile go emisa dikgotlhang tsa mo metseng fa gare ga ga kgosi, komiti ya ditlhabololo tsa motse le mokhanselara, mme a ba rotloetsa go tshwaragana, a tlatsa ka gore komiti ya Village Extension Team le yone e teng go gakolola.
Rre Maele o ba gakolotse gore ba tshwanetse ba bereka le badiri ba ofisi ya mopalamente, a tlhalosa gore ba tlaa dira lenaneo la go isa ditirelo tsa ofisi kwa bathong.
Mo bokopanong jo gone go nale thutuntsho ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, e mo go yone mogolwane wa lephata la boipelego Mme Rosinah Maoba a neng a ba ruta ka tsamaiso ya madi le ya go tlholwa ga dibuka tsa madi.
Mo go tse dingwe, dikomiti tsa ditlhabololo di ne tsa fiwa sebaka sa go rolela mopalamente dipego tsa bone tse bontsi di neng di remeletse mo tlhaelong ya boroko jwa badirelapuso, kgodiso ya dikokelwana, le go letlelelwa go itlhophela gore ba dira eng ka madi a dikgaolo tsa botlhophi.
Fa a leboga, mokhanselara wa Lecheng/Malaka Rre Barulaganye Lebang o ne a lebogela loeto la mopalamente a tlholosa fa dikgang tse a tsileng ka tsone di tlaa ba aga e le makhanselara a kgaolo ya Tswapong Bokone.
Rre Lebang o ne a rolela hutshe mafoko a ga tona a a tlhalosang botlhokwa jwa therisano, tlotlano le neelano mo loetong la go tsamaisa ditlhabololo mo metseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Lecheng
Event : phuthego ya kgotla
Date : 23 Jan 2025