Kgokgontsho e diga serodumo sa lefatshe
22 Jan 2025
Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba Rre Augustine Nyatanga are dipalo tsa kgokgontsho ya bong di ngomola pelo.
O buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Shakwe a supa fa dipalo tsa borre ba ba kwa dikgolegelong ba ba dirileng melato ya kgokgontsho ba le 1 644.
Rre Nyatanga yo gape eleng mothusa Tona wa Lephata la Boatlhodi le Kago Sesha ya Magolegwa o ne a tswelela ka gore dipalo tseo, di fa setshwantsho se se sa siamang ka lefatshe la Botswana mme ebile seemo se se ka koba ba ba batlang go tla go aga mono le go thusa lefatshe leno ka tsela epe hela.
A re lefatshe la Botswana le setse le dirisiwa e le sekai fa go buiwa ka kgokgontsho ya bong go lebilwe dipalo tsa lone tse di kwa godimo. Rre Nyatanga a re kgokgontsho ga e dirwe mo bathong ba bomme fela a supa fa borre le bone ba kgokgontshiwa ke bomme.
A re borre ba kgokgontshiwa maikutlo mme seo se felela se ba tsenya fa gare ga naka tsa nare ka jaana ba patikwa ke kutlobotlhoko lebakeng la go sa buisiwa sentle mme ba felele ba tsentse batho ba bomme diatla.
Are ga gona ope yo o nang le tshwanelo ya go kgokgontsha kgotsa go bolaya mme a gakolola banni ba Shakwe go ikela thoko le go itlhokomela go itsa dikgang tsa kgokgontsho go gola mo motseng wa bone.
Mopalamente o ne a tswelela ka go supa fa dipalo tsa malatsi a boikhutso di gakgamaditse ba le bantsi mme ebile di tlhabisa ditlhong.
A re go nnile le dikgetsi tsa go itseela dikobo ka dikgoka di le masome marataro (60), tsa dipolaano tsa baratani di le lesome le boferabongwe (19) le tse lesome le boraro (13) tsa thobalano le bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga 18.
Rre Nyatanga are dikgetsi tse dingwe ke tsa kgolo ya tiriso ya ditagi a kgala thata tagi e e tlwaelesegileng ka leina la katse kana Methcathinone, are ke yone e jweleletseng thata mo bananeng.
O gakolotse batsadi go kgalemela bana ba bone le go ba tsenya mo tseleng e sere ba iphitlhela ba senyegetswe ke bokamoso.
Mo pegong ya gagwe, Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse Mme Galaletsang Onalepelo o boletse fa banni ba Shakwe ba na le lobaka ba sa bewe ditsha, a kopa mopalamente go ba thusa go rarabolola seemo seo.
O ne a tswelela ka go ngongoregela seemo sa metsi mo motseng, a bua fa le dipompo tsa setshaba di sa bereke ka e ne e ka bo ele tsone nama o sa tshwere fa metsi a santse a tlhaela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : Shakwe
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 22 Jan 2025