Mopalamente o kopa tshwaragano
22 Jan 2025
Banni ba metse ya Topisi/Moreomaoto, badirelapuso ga mmogo le bogogi jwa motse ba kopilwe go tshwaraganela ditlhabololo tsa kgaolo.
Ba kopilwe jalo ke mopalamente wa kgaolo ya Palapye e bile gape ele Tona wa Metsi le Bonno Rre Onneetse Ramogapi mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo ka Mosupologo.
Rre Ramogapi o ne a lekotse batlhophi ba kgaolo ya gagwe go ba leboga ga mmogo le go tla go utlwa matshwenyego a bone. Mopalamente a re puso e tla netefatsa gore matshwenyego le letlhoko la bone di a rarabololwa le tse di tserweng mofago batla tsisa phetolo ka nako.
A re batla diragatsa maitlamo a bone a go neela bagodi P1 800 le tsotlhe tse ba di solofeditseng jaaka madi a itshetso a bana ba sekolo le mananeo a mangwe lentswa ba itemogela tlhaelo ya madi. A re baya kwa palameteng ya kgaoganyo ya madi kgwedi ee tlang ele tsela ya go betla ditlhabololo.
Kgosi Ezekiel Bontsi wa Topisi o ne a lekodisa mopalamente ka matshewenyego a motse wa bone jaaka moalo wa metsi oo sa akaretsang ditsha tse disha, borukuthi jwa leruo le letlhoko la koloi ya basepodisi.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC ) wa Topisi, Rre George Gaketshele o supile letshwenyego la tiego ya dikatso tsa VDC le dituelo tsa Ipelegeng. O ne gape a re ba tshwenngwa ke badirela puso bangwe baba sa dueleng matlo a VDC.
Banni ba ne ba lela ka tiego ya peo ditsha, metsi le motlakase kwa ditsheng tse disha gammogo le dikoloto tse di kwa godimo tsa metsi.
Fa a leboga, Mokhanselara wa Topisi/Moreomaoto Rre Ishmail Tsiapana o supile letshwenyego la tiego ya peo ya ditsha, a tlhalosa gore ba tlhoka ntlo ya pelegelo ka ba tsaya ditlamelo tsa pelegi kgakala kwa Palapye.
Rre Tsiapana o kaile fa a tla tshwaragana le Mopalamente le ba-na-le-seabe botlhe go netefatse gore dilelo tsa kgaolo ya gagwe di a rarabololwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 22 Jan 2025