Breaking News

Khansele e tsweletse ka go lwantsha kgokgontsho

21 Jan 2025

Khansele ya kgaolo ya Tsabong e tsweletse ka maiteko a go lwantsha kgokgontsho bogolo jang mo go tsa tiriso botlhaswa ya basetsanyana mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Morago ga go bolotsa letsholo la ‘Tlogelang Makgela a Butswe’ mo ngwageng o o fetileng, khansele e tsene mo letsholong la ‘Bua ka Lentswe le le kwa Godimo; Emisa Kgokgontsho, le e tlaabong e itebagantse le lone monongwaga.

E ne ya re ka Matlhatso, khansele ya bolotsa lenaneo leo ka metshameko ya kgwele ya dinao ya bomme, kwa mothusa mokwaledi, Rre Mogolodi Modibo a neng a gakolola borre go letla bana ba basetsana go akola botshelo ka phuthulogo.

A re ba ka dira seo ka go ikgapha mo tlhakanelong dikobo le basetsanayana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi. Rre Modibo o ne a gwetlha ba-tsaa-karolo botlhe ba akaretsa batsadi le setshaba ka kakaretso go bua ka lentswe le le lengwe ka dikgang tsa tshireletsego ya bana.

O ne a supa fa bomme bangwe ba bipa mpa ka mabele, selo se se rotloetsang gore kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo e kekele ka ba-dira-molato ba felela ba sa tseelwe dikgato tse di maleba.

Rre Modibo o tlhalositse fa khansele ya Tsabong e gatisitse dikgang tsa tiriso botlhaswa ya tlhakanelo dikobo ya basetsanyana di le lekgolo go tloga ka 2022 go fitlha 2024 a ya fifing. A re le fa dingwe tsa dikgang tse di santse di tlhotlhomisiwa,  go lemotshegile fa go na le tse di felelang di sa begwa kwa go ba ba maleba ka ntlha ya fa di bipiwa ke batsadi.

Mothusa mokwaledi o ne a rotloetsa basetsanayana go seke ba okiwa ke borre ka dilo tse di kgatlhang mme boemong jwa seo ba tlhwaaafalele dithuto tsa bone gore ba tle ba kgone go ipetlela bokamoso jo bo eletsegang.

O ne gape a ba gwetlha gore ba seka ba swa senku ka dikgang tse di ba amang tsa kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo mme ba itseele dikgato ka go ya go ikuela kwa go ba ba lebaneng ba akaretsa ba boipelego, mapodisi le batsadi gore dilalome tseo di kgone go lebisiwa molato.

Mogolwane yoo wa khansele o ne a tlatsa ka go supa fa e tlaa re mo bogaufing khansele e ribolole setlhogo se sesha sa letsholo leo sa ‘SpeakOut-StopDefilement’ kwa sekolong se segolwane sa Tsabong Unified Secondary School.

Mo mafokong a gagwe, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekolo se se botlana sa Nhake, Mme Kerapetse Mosimenyane o ne a tlhalosa fa bomme bangwe ba ikgatholosa botlhokwa jwa go itse metsamao ya bana ba bone mme ebile ba sena kgalemo mo go bone.

Se, a re ke sengwe sa tse di dirang gore bana ba basetsanyana ba felele ba wela mo dilalomeng tse di sa kgathaleleng isago ya bone. Mme Mosimenyane o ne a tswelela ka go tlhalosa fa bangwe batsadi ba rotloetsa bana go inaakanya le borre ka go amogela dithoto tse ba sa tlhomamiseng gore basetsanayana ba bone ba di tsaya kae.

O boletse gape fa bana bangwe ba felela ba ineela mo kgokgontshong ya tiriso botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo ka go bo batsadi ba bone ba sa ba fe bothitho jwa lorato jo ba bo tlhokang.

Mme Mosimenyane yo gape e leng mogwebi o ne a supa fa bana bangwe ba godisediwa mo malwapeng kana tikologo e e sa siamang jaaka e e nang le thekiso ya majalwa mme seo se ba ngokele mo go ikamanyeng le dino le dikgang tsa marato ba sale bannye.

Moithuti go tswa kwa sekoleng sa Tsabong Unified Secondary School, Refilwe Matlhare o ne a tlhalosa fa dikgang tsa kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo le basetsanyana ba dingwaga tse di kwa tlase di sa tsibogelwe mo go lekaneng le mororo di senya matshelo le bokamoso jwa bone.

Matlhare o supile fa tshwaragano ya ba-nale-seabe botlhe e ka thusa go fenya seemo seo le go fa bana sebaka sa go tshela ba phuthulogile.

Rrabontle wa RADP, Rre Ronaldo Titus o ne a kopa tshwaragano kgatlhanong le seemo se, a bolela fa kgokgontsho e tlogela ba-tswa-setlhabelo ka dintho tsa kutlobotlhoko le ka maikutlo a a kgoberegileng.

Rre Titus a re gantsi ba ba amegang mo kgokgontshong ba swa senku ka lebaka la poifo ya ka fa setshaba se ka ba lebang ka teng, selo se a supileng fa se sa tshwanela ka jaana batho ba go nna jalo ba tlhoka go engwa nokeng

Mongwe wa batsadi Mme Dineo Mabunyane o ne a supa fa e le boammaruri bomme bangwe ba bipa mpa ka mabele ba lebile go ja mme a ba gakolola go emisa mokgwa oo ka e le go senyetsa bana bokamoso le go gataka ditshwanelo tsa bone.

Khansele ya Tsabong e ne ya rotloetsa ditlhopha tsa kgwele ya dinao ya bomme tse di neng di nkgisana magwafa mo letsatsing la Matlhatso ka madi.

Setlhopha se se itlhomileng kwa pele sa Tsabong Golden Strikers se ne sa bona thotloetsa ya P1 300, se longwa serota ke Makgabs City ka P1 000 fa Red Lions le King Rogers ba tlhatswitswe diatla ka P700 sengwe le sengwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : letsholo

Date : 21 Jan 2025