Tsamaiso ya bogadi e botlhokwa
21 Jan 2025
Morafe wa Bangwaketse o santse o tlotlile thata ebile o tseela kwa godimo bogadi jwa dikgomo mo tsamaisong ya bone ya manyalo.
Ntswa le fa go le jalo, Kgosi Malope II wa Bangwaketse o supile fa bangwe ba kgotlela tsamaiso e e botlhokwa e, a tlhalosa fa koketsego ya dikgang tsa go fapoga thulaganyo e di tshwenya.
Kgosi Malope o supile se bosheng mo phuthegong ya kgotla kwa Kanye jaaka ele tlwaelo gore fa ngwaga o simolola, o rebola morafe go ka tshwara ditiro tsa selegae.
Kgosi Malope o ne a supa fa dikgang tse mo go tsone boora-basimane ba sa iponatseng kwa kgotleng ka nako ya go supiwa ga dikgomo tsa bogadi jaaka e le tshwanelo di gola.
O kaile fa gangwe le gape boora-basetsana ba iphitlhela ba ema-ema ba le nosi kwa kgotleng, seo e le selo se se fatlhang bogosi jwa ga Ngwaketse ebile se goga mo seretseng tsamaiso e e botlhokwa eo ya ngwao.
Mo potsolotsong bosheng, moemela-kgosi yo mogolwane Kgosi Kwelagobe Mookodi o ne a iteela kobo moroko matshwenyego a ga Kgosi Malope, mme a rotloetsa malwapa a boora-mosetsana go nna ba tlhomamisa gore a bogadi jo go solofetsweng go supiwa kwa kgotleng bo teng.
Kgosi Mookodi a re go lebega go na le boferefere jo bontsi jo bo dirwang ke malwapa mangwe a boora-mosimane ba supa fa dikgomo tsa bogadi di le teng le mororo go sa nna jalo. A re ka tsamaiso ya morafe wa gagabo, tseo e folosiwa pele kwa kgotleng ka go supa dikgomo tsa bogadi mo bogosing.
Fa ba kaya maitemogelo a bone ka tsamaiso ya nyalo, bangwe Bangwaketse ba tlhalositse fa go le maleba gore go nne go rurifadiwa fa bogadi bo le teng pele ga pholoso.
Rre Olefile Sebonego a re bogologolo go ne go itsege gore fa bogadi bo sa tla kgosi o ne a ka pega ba lwapa loora-mosimane kotlhao. O boletse fa mo nakong tsa gompieno batho ba sa tlhole ba tsaya le one magosi ka tlhwaafalo mo ebileng bangwe ba bone ba ipolelela fa go se kgato epe e ba ka e tseelwang.
Rre Sebonego a re bogologolo fa dilo di santse di tsamaya sentle e ne e tle e re fa motho a nyala mme bogadi bo sa lekane a adime kgomo ya mongwe mo gae go bo tlatsa mme e re morago ga go supiwa kwa kgotleng mong wa kgomo a busediwe sesagagwe.
A re thulaganyo ya go nna jalo e ne ya nyelela ka monokela ka bangwe ba e a neng e re ba thusitswe jalo, ba je semenogane ka go seke ba busa leruo.
Kgosi Patrick Sebati wa kgotla ya Pitsaneng o supile fa mokgwa o wa go sa boleleleng bagwegadi boammaaruri jwa gore a bogadi bo teng kgotsa jang, e le lenyatso e seng fela mo bagwegading mme le mo go kgosi yo a bong a solofetse go bo amogela.
O tladitse ka go supa fa go dira jalo gape go a bo go itlontlolola bone bagwe mo bagwegading, selo se a rileng se koafatsa botsalano, tlotlo le tshepho gareng ga malwapa oo-mabedi.
Kgosi Sebati o gakolotse Bangwaketse gore ba tlotle puisano, a re tshwanelo ke gore fa boora-mosimane ba lemoga gore ga ba a ithulaganya sentle, ba tshwanetse ba buisanya le boora-mosetsana mme e re fa e le gore ba ne ba setse ba pegile ba nanabelele kwa go kgosi go mo ikobela le go kopa go fiwa sebaka go ikgabetsa.
“Fa le setse le kgonne go iphutha le boela gape kwa go kgosi go mo itsese gore le kgonne gore jaanong a boe a le solofele sesha,” o ne a tlhalosa.
Kwa bokhutlong o ne a supa fa go ikobelana le go dirisana mmogo sentle e le tsela ya go tlhagolela tshwaragano ya malwapa go ya pele, mme a gatelela thata botlhokwa jwa go tshegetsa ditsamaiso tsa ngwao di tshwana le ya go supa dikgomo tsa bogadi kwa bogosing ka jaana di nale bokao jo bogolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : phuthego ya kgotla
Date : 21 Jan 2025