Banni ba tshepisa go babalela di-tsa tlholego
20 Jan 2025
Banni ba Maposa le Zoroga ba itumeletse mogopolo wa gore ba ka bapala phane, go rwalela dikgong le go kgetla bojang ntle le go kopa teseletso, mme go sa akaretse ba ba bapalelang kgwebo.
Fa ba akgela mo mafokong a mopalamente wa kgaolo ya Nata/Gweta Rre Lawrence Ookeditse ba ne ba supa fa kgang ya go bapala dibapalwa nageng ka teseletso e ntse e sa ba jese di welang.
Rre Ookeditse yo gape e leng mothusa Tona ya Botsogo o ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo ka Labotlhano.
Banni ba ne ba amogela mogopolo oo ka megolokwane le leshalaba le legolo. Ba boletse fa ba ne ba sokola thata ka ba Lephata la Dikgwa le Dibapalwa Nageng ba ne ba ba latela kwa sekgweng mme fa ba sena diteseletso ba amogwe tse ba di bapetseng.
Baagi ba ne tshepisa puso fa ba tlaa dira se se tshwanetseng go babalela di-tsa tlholego tseo. Ba ile ba kopa puso go baya leitlho thata mo go bao ba ba bapalelang kgwebo, ba re bangwe ba tswa kwa metseng e kgakala go rema dikgong, le gone go bapala phane tota.
Go le pele, Rre Ookeditse o ne a tlhalosa fa ba ba bapalelang kgwebo ba tlamega go dirisa teseletso. A re Batswana ba ntse ba sokodisiwa ke kgang eo ya teseletso mo bangwe ba neng ba felela ka go bapala phane ka go iphitlha.
A re Batswana bangwe ba bapalela go itshetsa le ba malwapa a bone, mme a ba kopa go somarela dibapalwa nageng tseo bogolo jang phane le go rwalela dikgong ka kelelelo.
A re batho ba na le go tshwara phane le go epa ee ikepetseng fa fatshe, a supa fa go dira jalo ba tlaa bo ba itlhaba ka thipa mpeng, ka seo se nyeletsa phane.
Rre Ookeditse a re fa ba sa diragatse seo, lephata le le laolang dibapalwa nageng le tlaa tsaya taolo go laola seemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Maposa
Event : phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2025