Puso e adimile madi go feleletsa ditiro tsa ditlhabololo
20 Jan 2025
Go tlhalositswe fa puso e adimile P12.5 billion go feleletsa ditiro dingwe tsa ditlhabololo tse di neng di dirwa.
Se se tlhalositswe ke mopalamente wa kgaolo ya Nata/ Gweta Rre Lawrence Ookeditse mo diphuthegong tsa kgotla kwa Maposa le Zoroga bosheng. Rre Ookeditse a re madi ao, a ya go dirisiwa go feleletsa ditiro tse di tsweletseng tse di neng di seegetswe go dirwa ka ngwaga wa madi wa 2024/2025.
A re go ne go sena madi a go ka di feleletsa, ka jalo puso ya bona go tshwanela go adima madi. O boletse fa ditiro dingwe tse di neng di abilwe ka thendara di emisitswe go santse go sekasekwa dingwe tse go belaetsegang di sa tsamaya sentle.
Rre Ookeditse a re maikaelelo a bone e le puso e ntsha, ke go thusa batho ka botswapelo ba setse moono wa ga Tautona Duma Boko morago. O ile a rotloetsa banni go tsosolosa mowa wa boipelego go itirela ditiro.
A re madi a ba a fiwang ke ba trust ya bone le lemme le ba le fiwang ke ba Nata Sanctuary, ba ka le dirisa go betla lenaneo le le tlaa sologelang setshaba molemo jaaka go rua ditlhapi.
Kwa Maposa, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Sibongile Maposa o boletse fa go sena mabitla mo motseng ka jalo baswi ba bolokelwa gongwe le gongwe.
Mme Maposa a re go setse go le dingwaga ba bua ka kgang eo mme ba sa bone tlharabololo. A re fa ba latedisa kgang eo, ba tlhalosediwa fa tletla ya go dirisa lefelo le ba le beilweng ke ba kabo ditsha e le yone e ba tshwereng go ka le dirisa (lease).
O supile fa madi a ba a filweng ke ba Nata Sanctuary ba kgonne go phatlalatsa metsi mo motseng le go tsenyetsa batho dipompo mo malwapeng a bone. O gwetlhile puso go sa lebale tsholofetso tsa yone tsa go oketsa madi a Ipelegeng.
Kgosi Modiro Thomas wa Dzoroga o ne a lela ka lenyora mo motseng. Kgosi a re ba sale ba tshephisitswe fa go tlaa epiwa letamo kwa motseng wa Mosetse nakokgolo ke eno. Kgosi Thomas a re motse o tletse ka metswedi ya metsi mme ba bolawa ke lenyora.
Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego a banni, Rre Ookeditse o boletse fa baitsanape ba tsa metsi ba boletse fa metsi a mo motseng a kgothelesegile ka jalo a sa siamela go nowa, ka jalo ba tlaa nna ba sielwa metsi ka koloi go fitlhelela go nna le tlharabololo ya sennelaruri.
Mogolwane kwa khansele ya Tutume o solofeditse batho ba Maposa fa a tlaa latedisa kgang ya bone ya mabitla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Zoroga/Maposa
Event : phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2025