Tsholofelo ke Kgosi ya Matlhakola
20 Jan 2025
Tona ya Dikgaolo le Tsa Ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa a re lekoko le le neng le romilwe go batlisisa yo o lebaganweng ke go nna kgosi ya Matlhakola le weditse pego mme go supagetse fa Kabelo Tsholofelo e le ene kgosi ya motse oo.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa motseng oo ka Matlhatso, Rre Motshegwa a re lekoko le le neng le tlhomilwe le go batlisisa ka bogosi jwa motse oo, e ne e le dikgosi di le tharo e leng mothusa kgosi ya Bakwena Kgosi Lawrance Mhaladi, moemela kgosi ya Kopong Kgosi Michael Molefhe le moemela Kgosi ya Hebron Kgosi Aobakwe Phethu mme ba wetsa tiro eo, e maikaelelo a yone e neng e le go batla tharabololo ya sennelaruri.
A re lekoko leo le ne la tsaya boikarabelo jo ba neng ba bo neetswe ba reetsa morafe mme ditshekatsheko tsa supa fa bogosi bo lebagane boora Mathaba. Ka jalo, are go tla a dirwa thulaganyo ya go romela leina la ga Rre Tsholofelo go rurifadiwa kgotsa go tlhomamisiwa.
Rre Motshegwa a re kgang e e wela mo go reng lephata la gagwe ga le bee bogosi mme tiro ya lone ke go lebelela gore molao wa bogosi wa reng le morafe wa reng. Ka jalo a re morafe o tla a neelwa malatsi a le masome a mararo gore fa go na le yo o ngongoregang tebang le se lekoko le reng le se bone a ntshe ngongora eo.
A re fa malatsi a masome a mararo ao a wela go sena ngongorego ya boikuelo go tla a tsewa gore se se builweng ke lekoko ke sa boammaaruri.
Rre Motshegwa a re motse wa Matlhakola o ne wa simologelwa ke dikgang tsa bogosi morago ga gore Kgosi Sekolomane Mothobi a tlogele bogosi ka mabaka a bogodi. Kgang e, e ne ya tsaya phekelo e sele ka nako ya fa a tlogela tiro ka a ne a supa fa a tla a tsenya ngwana wa gagwe mo setilong mme bontlha bongwe jwa morafe jwa seka jwa dumalana.
Mo go tse dingwe, Rre Motshegwa o ne a re puso e mo dithulaganyong tsa go tlhabolola lenaneo la Ipelegeng. O tlhalositse fa mo ditogamaanong tsa bone ba le mo ditshekatshekong tse di tsweletseng gompieno tsa go e tokafatsa gore e nne lenaneo le e leng gore ba ba dirang mo go lone ba tla a fiwa dikitso le dithutontsho tse di tla a ba kgontshang go dira tiro ya lenaneo le le tlhabolotsweng.
A re mo nakong eno, ba tshwaragane le ba-na-le seabe ba ba farologaneng go bona gore Ipelegeng e tlhabololwe jang gore e fitlhelle maitlamo a puso e a beileng a e santseng e tsepame mo go one a gore e tla a amogedisa P2 500 mo go yone.
A re ditshekatsheko tse dingwe ke tsa gore bagodi ba amogele P1 800 le gone gore dingwaga tsa dikamogelo tsa bagodi di simolole kwa go 60 years. A re go santse go phuthiwa tse di maleba gore go nne jalo.
O ne a tlhalosa fa goromente wa dikgaolo e le ene a leng gaufi le batho ka jalo dithata di tla a isiwa kwa dikhanseleng gore di nne le boikarabelo le go itirela madi le gone go itirela ditsompelo go isa ditlhabololo kwa bathong.
Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Matlhakola, Mme Kesia Abel o ne a lekodisa Rre Motshegwa fa ba setse ba thusitswe ka dipeo le madi a go lema mme sebe sa phiri e le gore diterekere tse di ba lemelang di boutsana.
A re mo nakong eno, bontsi jwa bone ga ba ise ba simolole go lema e bile ba tshoga gore ba tla a siiwa ke bokgola. O ne a kopa puso go sekaseka gore ba ka thusiwa jang gore ba kgone go lema.
O ne a lekodisa fa dipula tse di sa tswang go tshologa di dirile tshenyo mo motseng bogolo jang mo ditseleng. A re tsela ya sekontere e sentswe ke dipula mme e kgaogane ka bogare ka jalo o ne a kopa gore seemo seo se tsibogelwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Matlhakola
Event : phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2025