Modulasetilo wa khansele o lekola kgaolo
15 Jan 2025
Modulasetilo wa khansele ya Good Hope/Mmathethe o mo letsholong la go lekola kgaolo morago ga dipula tse di mashetla tsa bosheng.
Mo puisanyong le BOPA, Rre Gofaone Nkwane o tlhalositse fa a bone go le botlhokwa gore a lekole mafelo a tshwana le Tlhareseleele le metse e mengwe e e neng e amegile. Le fa go ntse jalo pula eo ga e a dira tshenyo e e kalo.
A re leeto la gagwe gape le kopantse le go kopana le bogogi jwa metse jaaka dikgosi le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go ba gakolola ka maitlamo a ga Tautona Advocate Duma Boko gore sechaba se tshwanetse go fiwa ditlamelo ka nako.
O supile gape gore o tsamaya a gakolola sechaba go ikgapha mo melatong ya kgokgontsho ya bong ka jaana dikgang tsa teng di leswafatsa kgaolo.
“Re tsamaya gape re gakolola ka phepafatso ya tikologo ka seo seka thusa go hema malwetse a a tsenang fa tikologo e le leswe.”
A re seo se botlhokwa ka jaana go le motlhofo go kganela bolwetse go na le go bo alafa. Rre Nkwane a re morafe ke one o tlholang o ngongorega ka tlhaelo ya melemo mo dikokelong, mme fa ba sa phepafatse tikologo seemo se tlaa bifa.
O tlhalositse gore kgaolo e na le letsholo la ‘Own a bin’ le le rotloetsang gore mongwe le mongwe yo o nang le lelapa a ntshe madi a a rileng abo a fiwa se ba latlhelang matlakala mo go sone. Mo godimo ga moo khansele e tlaa tseela batho matlakala mahala.
Modulasetilo o ne a kopa gore morafe o iphaphe mo tshenyetsong sechaba.
Rre Nkwane o bile a rotloetsa morafe gore o tlhame ditiro ka go dira dikoporase, le gone go tsaya monyetla wa go lema ka jaana monongwaga pula e le tse di namagadi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Good Hope
Event : Interview
Date : 15 Jan 2025