Mopalamente o lekola banni ka melao kakanyetso
15 Jan 2025
Mopalamente wa Selebi Phikwe bophirima Rre Reuben Kaizer o boleletse banni ba kgaolo ya Kopano fa puso e dumalane melao kakanyetso e le mebedi fa mengwe e sa kgona go feta.
O buile se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe kwa Leobong Rcreational Park mo kgaolwaneng ya Kopano.
Mengwe ya melao kakanyetso e e dumalanweng ke ya gore Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go neelwa tshono mo ngwageng tse pedi gore a kgone go itlhatlhobela malwetse ka go farologana.
O tlhalositse fa go setse fela gore molao o bo o ka atolosiwa gore o tsenngwe mo tirisong gore makoa a kgone go lemogwa ka nako motho a bo a ka thusiwa. O file sekai ka bolwetse jwa kankere a tlhalosa fa bo kgona go alafasega fa bo lemogilwe ka nako pele bo anama le mmele.
Rre Kaizer a re maikaelelo magolo a molao kakanyetso o, ke go neela Batswana botsogo jo bo botoka go na le go ka emela gore motho a koafale pele e bo e le go ne go dirwang ditlhatlhobo bolwetse bo setse bo tsere phekelo e sele.
O kaile fa molao o mongwe e le wa tiriso ya dipolaseteke tse di dirisiwang mo marekisetsong mme di se botlhokwa thata ka di baka malele mo tikologong, a kaya fa leruo le felela le e ja dipolaseteke tse di gasagasegileng mo tikologong.
O tlhalositse fa se se fokotsa boleng jwa nama ya kgomo e e leng nngwe ya mohama o o godisang itsholelo ya lefatshe. O ne a re maikaelelo a molao kakanyetso o ke gore go fedisiwe tiriso ya dipolaseteke mme go tsenngwe mo tirosong tse di ka kgonang go jewa ke mmu go itsa kgotlelesego ya tikologo.
Rre Kaizer a re molao kakanyetso o o neng o itebagantse le tsa kgokgontsho, o maikaelelo e ne ele go baakanya tsetlana nngwe mo molaong, one o ile wa se kgone go fetisiwa ke palamente.
O tlhalositse fa tsetlana eo e tlhalosa gore yoo kgokgontshitsweng o na le tshwanelo ya go ya go ikuela kwa go makaseterata a sa tlhoke gore a bue le batsadi ka na go ya kwa go ba sepodise. Maikaelelo a molao o e ne e le go leka go fefosa le go rarabolola dikgang tsa kgokgontsho bogolo jang mo malatsing a gompieno kgokgontsho e ileng magoletsa.
Rre Kaizer o tlhagisitse morafe go tlhokomela bana mo nakong ya gompieno e dipula di nang ka bokete mme a lebogela khansele ya Selebi Phikwe go tshwara ka thata go thusa ba-tswa setlhabelo sa go tsenelelwa ke metsi mo matlong.
O ne a tlhalosa fa se e le tiro e tona e e tlhokang go tshwaraganelwa ke ba komiti ya ditlhabololo tsa toropo le morafe. Fa ba mokgwa dikgaba mongwe wa banni Rre Bonang Gatang o supile matshwenyego mabapi le go tlhoka go rerisiwa fa go dirwa melao ntswa e ama matshelo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Kgotla meeting
Date : 15 Jan 2025