Puso e kopiwa go seka-seka dipalo
15 Jan 2025
Banni ba dikgaolwana tsa Lesedi, Meriting le Thakadiawa mo Selebi Phikwe Bophirima ba kopile puso go nama e ise e fokotse dipalo tse di letlelelwang go ka kwadisa dikereke ka fa molaong.
Banni ba dikgaolwana tseo ba kopile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Reuben Kaizer ka Labobedi.
Ba re palo e e akantsweng ke Tautona Advocate Duma Boko ya gore kereke e nne le maloko a le masome mabedi go ka kwadisiwa ka fa molaong e ka baka matshwenyego a le mantsi.
Mongwe wa banni, Rre David Lesejane a re ka nako eno dikereke ka bontsi ga di na fa di tsenelang teng, dingwe ke bomaipaafela, di obamela mo sekgweng fa go senang ditlamelo di akaretsa matlwana a boitiketso le metsi.
A re seemo se se felela se patika bangwe go itlhoma gongwe le gongwe mme ba bake kgotlelesego ya tikologo e e bayang matshelo a ba bangwe mo diphatseng.
Rre Lesejane a re baruti bangwe ba tsweletse ka go inaakanya le ditiro tse di sa amogelesegeng mo sechabeng mme ba iphitlha ka gore ke baeteledipele ba kereke.
Mme Segabo Mmusi a re go botlhokwa gore dingwe dikereke di itshekatsheke ka jaana maloko a tsone a sa dire se se eletsegang go ya ka tsamaiso ya kereke e e tswang goo Lowe.
A re go siame go amogela diphetogo tsa sesha mo kerekeng mme gape go botlhokwa go nna kelotlhoko.
Mme Segabo a re kereke e tshwanetse go eteletsa pele bopelotlhomogi, mowa wa go thusana le go belegana. Le fa go ntse jalo a re dingwe tsa dikereke di tsweletse ka go ikgatholosa mokgwa oo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, mookamela mapodisi a Selebi Phikwe, Superintendent Goitsemang Sekgabo a re dikgang tsa kgokgontsho ya bong di tsweletse ka go tshwenya.
A re se se ngomolang pelo ke ka fa baikuedi ba tshololang dikgang mo lekgotleng fa molao o tshwanelwa ke go tsaya kgato.
A re go dira jalo go busetsa maiteko a puso morago ga mmogo le gone go senya meamuso ya lefatshe ka jaana dikgang di kwadisiwa ka ditsompelo tse di rekwang ka madi a a kabong a dirisiwa go thiba phatlha golo gongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyapedza
Location : Selebi Phikwe
Event : Kgotla meeting
Date : 15 Jan 2025