Tsela ya Mandunyane-Mathangwane e saletse kwa morago
14 Jan 2025
Banni ba Chadibe kwa kgaolong ya Shashe Bophirima ba itsisitswe fa tiro ya tsela ya Mandunyane-Mathangwane e e fetang kwa Shashemooke e ralala Borolong, Chadibe le Mathangwane e tsamaya ka bonya.
Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Jeremiah Frenzel o tlhaloseditse phuthego ya kgotla kwa Chadibe ka Mosupologo gore tsela eo, e e neng e tshwanetse go wediwa ka Seetebosigo mono ngwaga ,e mo selekanyong sa 47 per cent mme e ka bo e tsamaya kwa go 57 per cent mo nakong ya gompieno.
A re se, se supa fa e le kgakala le go wela ka pula le yone e tsweletse ka go na.
Rre Frenzel o boletse fa ditiro tse di abilweng tsa go aga diofisi tsa mapodisi le dikole di emisitswe go letla gore go tlholwe fa di abilwe sentle ka go lemogilwe fa dilo dingwe di sa dirwa sentle.
A re puso e itemogetse dilo dingwe tse di sokameng mo dithendareng tseo jaaka go abela konteraka ditiro di feta bongwe le madi a kwa godimo thata go feta selekanyo sa tiro.
Rre Frenzel o boletse fa puso e sa lebala maikano le ditsholofetso tsa yone, a tlhalosa fa di ka se dirwe ka bofefo jo bangwe ba bo eletsang mme tsone di tlaa dirwa.
Erile ba tsibogela tekodiso ya mopalamente, banni ba ntsha matshwenyego ka seemo sa kokelwana ya motse, ba kopa go re e atolosiwe go be go tsenngwe le fa baimana ba belegelang teng.
Ba re baimana ba a sokola ka nako ya pelegi ka ba patlelesega go ya kwa Borolong ka na Mathangwane mo tseleng e e lekgarapana gape metse eo e ba katologile.
Banni ba ne gape ba kopa go agelwa sekole se sengwe se sebotlana ka go sa kgonagale gore go okediwe matlo a borutelo mo go se se teng ka go sena kwa se atologelang teng, selo se mopalamenteng a neng a dumalana naso.
Mongwe wa batsena-phuthego, Mme Rosina Phumaphi o boletse fa Batswana ba dumela thata mo morerong, a tlatsa ka go rotloetsa go lekodisa banni ka ditsholofetso.
A re puso e seka ya nna mo kgatelelong mabapi le seelo sa malatsi a a lekgolo a se a ipeetseng gonne Roma ga a agiwa ka letsatsi.
O kaile fa se se tlhokegang e le therisano, ebile Batswana ba nyoretswe go bona dilo di tsamaya ka thelelo, go rena kagiso, neelano le tirisano mmogo le go aga Botswana yo mosha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Chadibe
Event : phuthego ya kgotla
Date : 14 Jan 2025