Breaking News

Bagwebi ba kgothadiwa go dirisa menyetla

13 Jan 2025

Tona mo ofising ya ga Tautona, Rre Moeti Mohwasa o kgothaditse beng ba dikgwebo tse di kwa kgaolong ya SPEDU go dirisa menyetla e e leng teng.

Tona o ne a gatelela gore kgaolo eo e na le bokgoni jwa go fetlha ditiro di le dintsi. O buile jaana kwa phuthego e a neng a e tshwaraganetse le Tona wa Papadi le Tlhabololo Kgwebo Rre Tiroeaone Ntsima gammogo le bagwebi ba ba thusiwang ke SPEDU kwa Selebi Phikwe.

Rre Mohwasa o supile mafelo a tshwana le Tuli Block a a itsegeng ka bojanala, a kgothatsa tshwaragano gore menyetla ya go nna jalo e dirisiwe go dira letseno mo kgaolong.

Ka jaana bojanala bo lejwa e le mhama o o nang le bokgoni jwa go totisa letseno, Rre Mohwasa o ne a tlhalosa botlhokwa jwa go tlhama le go beeletsa kwa Tuli Block, a sedimosa kgonagalo ya bojanala jwa itloso bodutu le ditiro tse dingwe tse di ka ngokang beng gae le baeng ba ba tswang kwa ntle.

Rre Mohwasa o bile a kgalema tshenyetso setshaba le bobodu jo bo santseng bo dirwa mo diofising dingwe, a re mekgwa eo e koafatsa dikgwebo e bile e ama itsholelo ya lefatshe ka kakaretso.

Modulasetilo wa Tuli Block Farmers Association, Rre Jan Stiglingh are go na le dikgoreletsi tse di ba paledisang go tswelela le ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi.

O nankotse ditsela tse di maswe, bogolo jang mo dipuleng, letlhoko la ditlhaeletsanyo, motlakase o o turu, letlhoko la kokelwana a re di busetsa tiro kwa morago.

Le fa go ntse jalo Rre Ntsima o ne a tlhomamisetsa bagwebi maitlamo a puso go ema nokeng dikgwebo tse di mo kgaolong go tlhama ditiro le go tsosolosa itsholelo ya kgaolo.

O ba tlhomamiseditse gore matshwenyego a bone a tlaa sekegelwa tsebe mme a rarabololwe ka fa go tshwanetseng ka teng. Tona o ne a supa fa a kgotsofalela dingwe tsa dikgwebo tse a neng a di etela, a re dikungo tsa tsone di siametse mmaraka. ENDS

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyapedza

Location : Selebi Phikwe

Event : phuthego ya bagwebi

Date : 13 Jan 2025