Go dupa madi go ka lwantsha tshenyetso sechaba
13 Jan 2025
Go botlhokwa gore tiriso ya madi a puso e dupiwe ka seranyane go lwantsha tshenyetso setshaba.
Go buile jalo Mopalamente wa Tati Botlhaba, Rre Tlhabologo Furniture fa a ne a buisa banni ba Tati Siding ka Matlhatso.
Rre Furniture a re bodupi joo bo ka thusa go tsenya mowa wa tshomarelo mo maphateng a puso, a tlatsa ka gore maphata a tshwanetse go netefatsa gore madi a dirisiwa sentle.
A re nngwe ya dikgang tse a di buileng kwa palamenteng ke ya gore batswakwa ba ba tlang go bula dikgwebo tsa bojanala mo Botswana ba bo ba isa madi kwa gagabo, are go dira jalo go humanegisa Botswana go bo go humisa ba sele.
A re Batswana ba na le tshwanelo ya go fiwa menyetla ya dikgwebo tsa mo gae gore ba dire letseno.
E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding a gakolola phuthego gore makhanselara le kgosi ga se bone ba sekasekang seemo sa itsholelo ya batho mo motseng, tiro eo ke ya ba boipelego.
A re kgosi le makhanselara tiro ya bone ke go thusa ba boipelego fela gore ba kgone go dira tiro ya bone ka manontlhotlho.
Ka jalo o gakolotse banni go kopa thuso kwa ofising ya boipelego pele.
Kgosi Nkgageng o kgothaditse botlhe ba ba amegang go tshwaragana ba dira mmogo gore tiro ya puso e tlhofofale, a tlatsa ka gore go lekodisanya le go bereka lo le seopo sengwe go botlhokwa mo go ageng puso.
Fa a ntsha tekodiso ka motse wa Tati Siding, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Baorapedi Jacob o ne a bolela fa tiro ya go aga poso e motse o sa bolong go e nyorelwa e dirilwe ka thuso ya khansele e bile e dirisiwa.
Rre Jacob a re kago ya leobo la kgotla ya Tati Siding e saletse kwa morago mme komiti e leka go e kgobokanyetsa madi. O ngongoregetse tlhaelo ya matlwana a borutelo mo dikoleng tse dipotlana mo go bakang gore bana ba sukagane.
Ka jalo Rre Jacob o ne a bolela fa kopo ya gore go agwe matlwana a borutelo le sekole se segolwane ka jaana motse o gola e isitswe kwa khanseleng. A re dipula tse di neleng bosheng di supile gore kgopho ya metsi a pula e bokoa mo e bileng digotlo dingwe di tshabelelwa ke bophadiphadi jwa metsi.
Le fa go ntse jalo Rre Jacob are khansele le ba-na-le seabe ba bangwe ba tshwaraganetse tiro ya go thusa batho mo manokonokong a ditlamorago tsa dipula.
Rre Matthews Nzwaligwa, monni wa Tati Siding, a re motse o gola mo o tlhokang khansele e e ikemetseng e seng seemo sa gompieko se go latelwang ditirelo kwa Masunga.
Mme Sennye Matsoo ene o boletse fa go sena dipalangwa tsa setshaba kwa ditsheng tse disha mme batho ba tlhaselwa ke dirukutlhi fa ba tsamaya ka dinao.
Rre Sechaba Mabula ene o ngongoregetse gore le fa bontsi jwa banana bo rutegile, bo palelwa ke go dirisa botsipa jwa bone ka gore puso ga e ba rotloetsa ka gope. A re puso fa e ne e ka bula madirelo botlhoka tiro le go reka dithoto kwa mafatsheng a sele di ne di ka fokotsega. ENDS
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Francistown
Event : phuthego ya kgotla
Date : 13 Jan 2025