Maranyane a ka thusa mo go tsa temo
13 Jan 2025
Puso e akanya go beeletsa metsi a pula gore a dirisiwe mo go nosetseng dijalo go thusa go ntsifatsa dijo mo Botswana.
Mopalamemente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba e bile e le Mothusa tona wa Boatlhodi le kago sesha ya magolegwa, Rre Augustine Nyatanga o boletse jaana kwa diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa Setsile le Mokoswane mo kgaolong ya Legare ka Labone.
O buile ka botlhokwa jwa go dirisa maranyane a sesha go kgobokanya metsi a pula go nosetsa dijalo go lebeletswe ka fa pula e sa ikanyegeng ka teng mo lefatsheng leno.
Rre Nyatanga a re lefatshe leno le segofaditswe ka dinoka tse dintsi, ka jalo Batswana ba tshwanetse go akola metsi a tsone ka go aga matamo gore metsi a seka a elela fela a ya kwa a yang teng a sa solegela lefatshe molemo.
A re go ikanya pula mo go tsa temo-thuo ga go sa tlhole go bereka ka jaana diemo tsa loapi di sa iketla, a supa fa go tlhokafala gore go dirisiwe maranyane go nosetsa temo.
Rre Nyatanga a re puso e tlhaloganya sentle gore mo tirong ya go ntsha dithoto go tshwanetse ga nna le tsamaiso ya gore go dirwa eng leng ka tsela mang.
E rile a ntsha la gagwe, Rre Tapologo Sefemo, monni wa Setsile a re lefatshe ke sedirisiwa se se sa ngantsologeng, ka jalo se tshwanetse go dirisiwa ka kelelelo.
O ne a bua ka botlhokwa jwa go baakanya melawana le ditsamaiso tsa lefatshe tse di bonalang di kgoreletsa tiro ya go fepa Batswana.
O bile a ntsha matshwenyego a go re lekgotla la kabo ditsha la Mahalapye ga le dire go lekanye go rulaganyetsa go aba ditsha, selo se a reng ke sekgoreletsi mo go ntsheng dijo.
Rre Moipi Montshiwa wa Mokoswane ene o kopile ba ba maleba go akanyetsa go aga terata fa gare ga masimo le mahudiso, a tlhalosa fa go dira jalo go ka nonotsha tiro ya go ntsha dijo. ENDS
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Mahalapye
Event : phuthego ya kgotla
Date : 13 Jan 2025