Breaking News

'Tiego ya mealo e dira Sowa letlotla

12 Jan 2025

Mogolwane wa tsa mealo ya lefatshe kwa toropong ya Sowa, Rre Othata Kgosana o kopile lephata la tsamaiso merero ya lefatshe le temo-thuo go potlakela seemo sa toropo eo.
Rre Kgosana o kopile jaana kwa phuthegong e e faphegileng ya khansele ya toropo ya Sowa le ba Special Economic Zones Authority (SEZA) ka Labotlhano.
A re go segilwe ditsha di le 101 tsa bonno le tsa dikgwebo, sebe sa phiri ke tiego ya ba lephata la ditsha go tlhabolola le go aba ditsha tseo.
A re tiego eo e dira gore toropo e nne letlotla ka ga go na se se tswelelang le fa e le se se ka ngokang babeeletsi go ka kgatlhegela lefelo leo.
Rre Kgosana a re gore toropo eo e gole ke fa go ka ajwa ditsha tsa bonno le tsa dikgwebo go ngoka batho go godisa toropo.
O ne a kgala mokgwa o o dirisiwang fa go kgaoganngwa madi a ditirelo, a re kgang ya go abelwa ditirelo kana madi go dirisiwa palo ya batho e ba baya ka fa mosing ka bone ba palo potlana.
O ne a kopa gore kgang eo e lebelelwe thata ka ke nngwe e e dirang gore ditlhabololo tsa toropo di salele kwa morago.
Seo se ne sa gatelelwa ke molaodi wa toropo ya Sowa, Mme Boitumelo Mokwena, a bolela fa letlhoko la matlo a bonno le go tura ga matlo a a leng teng e le gone mo go dirang gore batho bangwe ba tshabe go ya go berekela koo.
Mme Mokwena a kopa gore madi le ditiro di ajwe ka go tshwana go sa lebelelwe palo ya batho.
Ratoropo wa Sowa, Rre Ford Moiteela ene o ne a re maikaelelo le maikemisetso a bone e le bodiredi jwa toropo eo ke go bereka ba le seopo sengwe go bona gore ba a e godisa.
Rre Moiteela a re ba tsile go amogela megopolo yotlhe le dikgakololo tsotlhe tse di tlaa ba isang pele mo go beyeng toropo eo mo seemong se se tshwanang le ditoropo tsotlhe.
Mogolwane kwa SEZA, Rre Lonely Mugara o boletse fa Sowa a tlhomilwe e le boremelelo jwa go dira metswako (chemical manufacturing hub) go lebilwe letswai le loupa lwa molora lo lo dirwang koo.
Rre Mugara a re mo Botswana go tlhomilwe mafelo a roba bobedi a boremelelo jwa ditirelo tsa itsholelo e leng
Sir Seretse Khama International Airport, Pandamatenga, Francistown, Selebi Phikwe, Palapye, Lobatse, Fairgrounds, Tuli Block le Sowa.
O boletse fa maikaelelo a lekalana la gagwe e le go bona mafelo a a gola mo mhameng wa bogwebi, gore a tlhabologe le go tlhamela batho mebereko.
A re go ngomola pelo go bona letswai le loupa lwa molora tse di tswang mono di ya go dirwa dithoto kwa mafatsheng a sele di bo di tla di rekisediwa Batswana gape.
Rre Mugara a re tshwaragano le tirisanyo mmogo ya bogogi jwa toropo eo le ba SEZA e ka godisa le go tlhabolola toropo le go tlhamela Batswana mebereko.
A re seo se ka nonotsha lekalana leo la SEZA gore le kgone go nna le motlhala le maduo a a tlaa godisang lefatshe le go le tlhabolola.
E ne e rile pele, Mopalamente wa Nata/Gweta yo e bileng e le Mothusa Tona wa Botsogo, Rre Lawrence Ookeditse a re di-tswa moepong wa Sowa di tshwanetse go ungwela banni ba toropo eo le metse e e mabapi.
Rre Ookeditse o ne a bolela fa phatlalatso ya metsi e e kgaogantsweng ga bedi e tsweletse mo toropong eo. Go na le lotlhakore lwa metsi a a sa tlhotlhwang a a yang kwa moepong le lwa a a nowang. BOPA

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Sowa

Event : Phuthego ya khansele

Date : 12 Jan 2025