Diphetogo di tlaa akarediwa mo ditogamaanong tsa NDP12
12 Jan 2025
Mopalamente wa Lobatse, Rre Kamal Jacobs, a re puso e itlamile go oketsa madi a bagodi le a baithuti.
Rre Jacobs o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Woodhall, Lobatse bosheng.
A re madi a bagodi a tlaa okediwa go tswa fa go P800 go nna P1 800, fa madi a baithuti one a tla okediwa go tswa fa go P1 900 go nna P2 500 a bolela fa diphetogo tse di tla diragala mo ditogamaanong tsa NDP12.
Mo go tsa botsogo, o tlhalositse gore puso e itlamile gore National Health Insurance Scheme e akarediwe mo go NDP12 .
Rre Jacobs a re ka 2016 mong wa konteraka yo a neng a abetswe tiro ya go aga kana go tlhabolola sepatela o ne a duelwa P12 million ele wa moalo o o amogetsweng ebile o rurifaditswe ke palamente.
Mo gotse dingwe Rre Jacobs o boletse gore o beile palamente pele mogopolo wa gore go tsisiwe diofisi tsa ditirelo tsa bogwebi jaaka CEDA le LEA mo Lobatse go fokoletsa banni mosepele le ditshenyegelo tsa go latela ditirelo kwa Kanye.
O tsweletse a bolela gore puso e tsere tshwetso ya go tlhabolola mananeo a temo-thuo, ka jalo e thapile banana go tsamaya lefatshe lotlhe ba dira dipatlisiso tsa go nonotsha temo-thuo, tiro e a boletseng fa e tla tsaya ngwaga e dirwa. Rre Jacobs o boletse gape gore thendara ya kago ya kgotla ya Motswedi, e neng e tshwanetse go agiwa ka NDP11, e dule.
O tlhalositse gore maikaelelo a gagwe ke go sala morago polase ya Evergreen fa morago ga sekole sa barutabana le Diteneng Industrial tse dineng dile mo ditogamaanong a NDP11, gore di tsenngwe ditlamelo setshaba se abelwe ditsha, a tlatsa ka gore puso e tla tsenya leitlho mo ditirong tsa bogologolo le tse dingwe jaaka Milk Africa.
Erile a ema, Rre Negro Thebe a bolela gore ba ikwadiseditse go fiwa ditsha kwa khanseleng ya Lobatse mme jaanong o bona motho yo a tlhomaganeng le ene ba tsenwe ke batho bale masome a matlhano fa gare, a kopa gore go elwe tlhoko, go itsa tshenyetso sechaba.
A re bontsi ba Batswana ba fiwa ditsha ba godile mme bangwe ba palelwe ke go di aga.
Mme Kagiso Daniel, ene o boletse gore Lobatse o apesitswe kobo ka letshoba ke tiriso ya nnotagi le diritibatsi bogolo jang mo bananeng, a tlatsa ka go kopa gore ba direlwe lefelo la kago sesha gore ba ithute sengwe sa tiro ya diatla se ba ka felelang ba itshetsa ka sone.
Mme Jessie Sebolao, ene o boletse fa seemo sa matlakala se sa jese diwelang mo toropong, a tlatsa ka gore ditanka tsa matlakala di makgasa.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Tsopeng Borwa, Rre Moalosi Rasesia, o ne a lebogela morafe go tsena phuthego ka makatla namane, a re go supa tsholofelo ya go tsosolosa toropo ya Lobatse.
O kopile mopalamente gore a seka a ipona tsapa gore ba fitlhelele maitlamo a bone a go direla sechaba. ENDS
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : phuthego ya kgotla
Date : 12 Jan 2025