Breaking News

Pula ya na setshaba sa re huu

09 Jan 2025

Dipula tse di tsweletseng ka go na di tsosolositse tsholofelo mo dikgaolong tse di ntseng di tlhaelelwa ke metsi ka jaana metsi a tsweletse ka go oketsega mo matamong go ralala lefatshe leno .
Se se tlhalositswe ke Rre Kabo Baker go tswa koporaseng ya metsi ya Water Utilities Corporation, a re mo matamong a Gaborone, Bokaa le Nnywane, pula e nele ka nako e seemo se neng se tlhobaetsa.
A re selekanyo sa metsi a a mo letamong la Gaborone ke 35.4% yo o lekanyeng go nosa toropo kgolo dikgwedi tse di lesome le bone.
O tlhalositse gore matamo a mangwe jaaka Notwane le la Railways, le mo ditsong le neng le dirisiwa mo matorokong, a thusa go tlhotlha metsi pele ga a ka tsena mo go la Gaborone.
Go bolelwa fa letamo la Gaborone le nosa bontsi, ka jalo le tsaya nako go tlala ka e bile pula ya Gaborone e ntse e se mashetla jaaka mo mafelong a mangwe.
Fa a bua ka letamo la Bokaa, Rre Baker a re le tsamaya fa go 44.5% yo o ka gogang dikgwedi di supa fa go sa tsene metsi ape mo go lone.
Letamo la Nnywane, le e leng lone le lennye go a feta otlhe mo Botswana, le tsamaya kwa go 87.6% yo o ka tshegeletsang ngwaga fa go sa tsene sepe.
Rre Baker a re mo bogompienong letamo la Shashe le la Ntimbale a a tlhatsa ka la Shashe le tsamaya kwa go 101.14%, Ntimbale lone le le kwa go 100.9% fa e sale ka mafelo a beke.
O tsweletse a re letamo la Lotsane le le kileng la bo le kgala bobe, le tlhatlogile thata go tswa mo go 20% go ya ko go 76%, morago ga morwalela wa tikologo ya Palapye fa Letsibogo lone le le kwa go 68.4%.
Rre Baker a re seemo se se solegela thata balemi ka jaanong metsi a go nosetsa a lekane go ntsha dijalo tse di itekanetseng. A re go oketsega ga metsi gape go fokotsa ditshenyegelo tsa go nosetsa.
Le fa go ntse jalo, Rre Baker a re matamo a Gaborone, Bokaa le Nnywane a tsweletse ka go amogela metsi ka dipula di santse di tsweletse.
Rre Baker a re go gosomana ga dipula go tlaa thusa gore batho ba seka ba tlhola ba lekanyediwa metsi jaaka go diragala mo dintlheng dingwe tsa lefatshe leno, a ntse a gakolola Batswana go somarela metsi.
Rre Baker o bile a tlhagisa setshaba go netefatsa gore bana ba babalesegile gore ba seka ba tsewa ke metsi a melatswana kgotsa megojwana ba tshamekela mo go yone.
Mo godimo ga moo,   o kgothaditse bagodi go nna     podimatseba  mo mafelong a a elelang metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Interview

Date : 09 Jan 2025