Pula e boutsana mo kgaolong tsa Tsabong
09 Jan 2025
Fa dikgaolo tse dingwe di nelwa ke pula e ntsi, e e bileng e bakile merwalela le tshenyo, kwa kgaolong ya Tsabong e na ka selekanyo se se ko tlase.
Le fa go ntse jalo barui bangwe kwa Maubelo ba supile fa ba sa ntse ba na le tsholofelo.
Barui ba tlhaloseditse BOPA fa leuba la ngwaga o o fetileng le le sa ntseng le tsweletse le ba tlogetse ba iphotlhere ka ntlha ya go swelwa ke loruo ka dipalo tse di kwa godimo.
Rre Busang Sekhobetseng, molemi morui wa dingwaga tse di masome a mane le borataro wa Maubelo, o tlhalositse fa a tswa kgakala a ikaegile ka thuo ya dikgomo le dihutshane.
A re o simolotse thuo ka 2000 ka dipudi di le lesome le dikgomo tse tlhano mme a di atisa mo nakong eno dihutshane di fetang masome a supa fa dikgomo tsone di feta masome a mane.
O boletse fa a ne a kgona go falotsa loruo lwa gagwe ka go lo rekela dijo tsa loruo kgapetsakgapetsa ka jaana puso e ne e fokoditse ditlhotlhwa go thusa barui.
Rre Sekhobetseng o boletse fa a ikaelela go lema fa pula e ka na mo go nametsang ka mo nakong e no go sena bokgola jo bo lekaneng.
A re maikaelelo a gagwe ke go ya go ikwadisetsa lenaneo la Temo Letlotlo gore a tle a kgone go ntsha dijo tsa selekanyo se se utlwalang ka ngogola a ne a lemela fela go jela mo ganong.
O kgothaditse balemi go inaakanya le temo thuo go itshetsa le go tlhabolola matshelo a malwapa a bone le a Batswana ba bangwe.
Mme Delinah Masetlane wa dingwaga tse di masome matlhano le bongwe wa sediba sa Logaganeng e ne o supile fa a ne a swelwa ke dipudi di le masome a mararo le botlhano ntateng ya leuba mme go setse fela di le lesome le bongwe, morago ga go thusiwa ke puso ka lenaneo la LIMID ka dipudi di le lesome le boherabongwe ka 2021.
Mme Masetlane o boletse fa dikgomo le tsone di ne tsa simolola go swa mo a neng a felela a rekisitse dingwe tsa tsone go reka furu le melemo, go sireletsa tse di setseng mo malwetseng le leuba.
Kgosana Piet Matebele wa Maubelo o supile fa morafe o amilwe ke leuba mme seo e le poelo morago ka thuo e le yone ba ikaegileng ka yone mo kgaolong.
O kaile fa pula e na ka selekanyo se se sa kgotsofatseng kwa kgaolong ya Tsabong ka le yone megobe le dipane di sena metsi.
A re ba meletsa mathe dikgaolo tse dingwe tse pula e gosomanang teng mme ba ntse ka tsholofelo gore loruo lwa bone lo kgone go tshela ka phulo e tla nna botoka le tema ba ka e baya.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la tepo loapi kwa Tsabong, Rre Viotor Baebele o supile fa pula e nele ka boutsana jaaka gale kwa kgaolong ya Tsabong mme tsholofelo e le gore e tlaa tokafala ka kgwedi ya Hirikgong go ya kwa go Moranang.
Rre Baebele o tlhalositse fa pula e nele botoka mo kgaolong eo kwa Werda le Kokotsha ka selekanyo sa 50mm go ya kwa godimo mo kgweding e e fetileng ya Sedimontlhole go fitlha mo nakong eno, a supa fa go tswa kwa Tsabong go fitlha Struizendam e ne e le ka boutsana.
A re selekanyo se se kwa godimo sa pula e e gatisitsweng kgwedi eno e tlhola malatsi a le mane e nnile 43mm kwa Tsabong fa kwa Khawa e le 29mm, a supa fa kwa metseng mengwe e ne e le kwa tlase fa e mengwe e nele ka mosarasane.
Rre Baebele o gakolotse balemi barui go nna ka tsholofelo ya pula e botoka mo kgweding eno go fitlha ka Moranang mme ba simolole go baakanya masimo go baakanyetsa temo le gore phulo le yone e tla tokafala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Catherine Simane
Location : Maubelo
Event : Interview
Date : 09 Jan 2025