Kgosi Motshidiemang o tlhokafetse
08 Jan 2025
Kgosi ya pele ya motse wa Tubu, Kgosi Keitseng Motshidiemang o tlhokafetse a le dingwaga tse di masome a ferabobedi le bone (84) kgwedi eno e tlhola gane.
Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi wa Tetlano wa motse wa Tubu, Kgosi Chabi Moteti, o tlhalositse fa Kgosi Motshidiemang e ne ele motho yo o lorato mo setshabeng ebile a diretse motse wa Tubu ka natla. O tlhalositse fa Kgosi Motshidiemang a ne a le tlhaga ka jalo a kile a etelela dikomiti dingwe pele jaaka komiti ya sekolo sa ditiro tsa diatla sa Ngethu mo Gumare.
A re Kgosi Motshidiemang o ne a supa boeteledipele jwa gagwe jwa motia ka go tsaya karolo go dira borogo jwa mapako ka ngwaga wa 2010 fa motse wa Tubu o ne wa amiwa ke morwalela.
A tlatsa ka gore Kgosi Motshidiemang o ne a bereka ka tshwaragano le komiti ya ditlhabololo tsa motse.
Kgosi Moteti o tlhalositse fa go tswa ditsong motse wa Tubu e ne ele masimo mme wa tlhomamisiwa go nna motse ka ngwaga wa 1985.
A re ka jalo Kgosi Motshidiemang o ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya motse oo ka ngwaga wa 1985 a tsaya mo go Kgosi Nxhomo Keamogile yo o neng ele Kgosi ya Tetano.
A re Kgosi Motshidiemang o ne a tshwara bogosi jwa motse wa Tubu go fitlhela a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2022.
Kgosi Motshidiemang o tlogela mohumagadi le bana ba le lesome le bongwe, bomme ba le boferabobedi le borre ba bararo le banabana. ENDS
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Tubu
Event : Interview
Date : 08 Jan 2025