Dikhwaere di ngongoregela thotloetso
07 Jan 2025
Baopedi ba dikhwaere ba re ntswa e le bone bokomang-ka-nna ba itloso bodutu ka malatsi a go ipelela botsalo jwa Morena le kgorogo ya ngwaga o mosha ba ntse ba tsweleltse ka go tlhoka thotloetso bogolo jang go tswa kwa pusong.
Se se builwe ke baeteledipele ba dikhwaere tsa Kgatleng ka go farologana mo potsolotsong le BOPA mo malatsing a Keresemose le ngwaga o mosha.
Modulasetilo wa khwaere ya Bodiakhudu gaufi le Malolwane, Rre Kagiso Mokwatse, o buile a hupile tedu a re maphata a kgaso a puso le a a ikemetseng ga ba fe bodiragatsi jwa dikhwaere thotloetso e e maleba, le ntswa mokgwa o wa maitiso o ratiwa bobe ke matshwititshwiti a Batswana.
“Re lemogile gore le fa re le maloko a COSBOTS se ga se re berekele re le badigatsi ba mmino wa dikhwaere ka gore babega dikgang ba puso le ba ba ikemetseng ga ba kgathalele dikhwaere. O ka ipotsa gore ke eng e kare dikopelo ga di tsewe tsia le ntswa batho ba tlala mo go kanakana, mo ba kgonang go feta dikete tse tharo ba tshologetse mo mabaleng a dikhwaere,” ga bua Rre Mokwatse.
A re se bakile gore ba feletse ba bona gore ba itirele madi ka go duedisa babogedi le go firisa metlaagana ya thekiso gore dikhwaere di kgone go bona letseno. A re bontsi jwa baopedi ga ba bereke ebile bangwe ba sa kgone go itulelela di tshenyegelo tsa diphitlho kgotsa manyalo.
Rre Mokwatse yo e leng sekgantshwane sa lentswe la thenara a re khwaere ya gagwe ke mokgatlho o o thusang maloko a yone ka madi a ditlamelo tsa diphitlho le manyalo.
O ne a kopa gore ba BTV, Seromamowa sa Botswana (RB le RB2) le tse dingwe ba tshameke mmino wa bone ka botswapelo ka gore ke mmino o o ratiwang ke batho mo ebileng ba o latela kwa mabaleng gareng ga dikgwa le mafifi.
A re bobega dikgang jwa mo gae bo tabogile le go tshameka le go tlotlomatsa mmino wa mafatshe a sele ba ikgatholosa mmino wa ngwao ya setswana, segole jang dikhwaere.
O kopile gore mmino wa dikhwaere o tshamikiwe ka dinako tsotlhe fela jaaka mebino e mengwe a tswelela ka gore bogolo fa go pala dikhwaere di tshamikiwe ka malatsi a Keremose le Ngwaga o mosha go tsosolosa maikutlo a lerato la kopelo mo barating le balatedi ba dikhwaere.
Rre Mokwatse a re ba kile ba bo gatisa dikopelo tsa bone mme a re ba feletse ba itsapisiwa ke gore go ne go sena mosola ka di ne di sa tshamikiwe gope ka go lebega ba kgaso ba inaakantse le bodiragatsi jwa diletswa.
Mmino wa dikhwaere, ga bua Rre Mokwatse, o tshwanetse o tshamikiwe gore le bana ba ba tswang kwa tlase ba o fitlhele mme ba o tsweledise o seka wa nyelela.
Moanamisa mafoko wa khwaere ya Badiragatsi kwa masimong a Mabolaelo gaufi le Mochudi, Rre Alfana Mathibe o ne a itela mo pusong gore e ba thuse go rekisa bodiragatsi jwa bone kwa ba kgonang go fitlhelela teng gore ba tle ba kgone ba lemogiwe ke barotloetsi.
Rre Alfana a re puso e ka thusa ka go gasa dikhwaere mo thelebishineng le ka Seromamowa gore balatedi ba bone ba utlwe mmino wa bone mme ba o rotloetse gore le bone ba kgone go itirela letseno.
O kaile fa khwaere ya bone e na le dipina tse e di gatisitseng le go di kwadisa kwa go ba COSBOTS kgatlhanong le badiragtsi bangwe ba ba kgonang go di tsaya mme ba itshetse ka tsone mme batlhami le baopedi ba tsone ba iphotlhere.
Mothusa modulasetilo wa khwaere ya Mawelana go tsweng kwa masimong a Marapong gaufi le Mochudi Mme Maungo Motswasele o kopile gore khwaere ya gagwe e rotloediwe ke puso ka go e fira e opela ka e filwe bokgoni jo bontsi jwa tlhamo le kopelo.
O ikaile fa e le motlhami wa tlhwatlhwa fa a nankola gore o kile a tlhama dipina tse pedi tse di neng di opela ka dinonyane, di bapatsa bojanala jwa Botswana. ENDS
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : BODIAKHUDU LANDS
Event : Dikhwaere
Date : 07 Jan 2025