Breaking News

Mapodisi a Sejelo a tlhotlhomisa petelelo

05 Jan 2025

Go bolelwa fa metsana ya Ranaka, Moshana, Gasita le Selokolela e ne eiketlile bosigo jwa ngwaga o mosha. Mookamela Mapodisi a Sejelo kwa Kanye Superintendent Mogomotsi Matlapeng o tlhalositse go re ka maswabi motse wa Kanye o ne o sa iketla , a supa fa kwa kgotleng ya Kgwatlheng ba ne ba fitlhela marekisetso a bojalwa a butswe ka nako ya lesome le bobedi. Superintendent Matlapeng o tlhalositse fa mong wa marekisetso ao a ne a lefisiwa madi a a kana ka dikete tse pedi tsa dipula go bo a tlodile molao wa teseletso ya thekiso ya dino. O tsweletse ka go bolela fa godimo ga moo, koloi ya mapodisi e ne ya thubiwa kwa marekisetsong ao a dino. O kaile fa mo mosong wa Firikgong a tlhola malatsi a mabedi, mme mongwe yo go bolelewang fa a ne a tswa maitisong kwa marekisetsong a dino a ne a thubediwa ke rre mongwe yo a neng gape a mo tseela mosokelatsebeng. Go bolelwa fa mme yoo a ne a utlwa gore o lekantse go itisa, a emelela go boela lapeng, mme yare a ntse a le mo tseleng, a utlwa motsamao wa motho fa morago gagwe, fa a gadima a lemoga fa e le motho wa rre. Supt. Matlapeng o tlhalositse fa mme yo a tlhalositse gore rre yoo o ne a sukasukana le ene mme a mo digela fatshe, a itseela dikobo ka dikgoka a ba a mo amoga le mosokelatsebeng wa gagwe. A re mme yoo a ne a tla go begela ba mapodisi,a a neng kgona go latedisa motlhala, a tshwara rre mongwe yo o thusang ka ditlhotlhomiso malebang le tiragalo eo. Supt. Matlapeng o tlhalositse fa mo tirigalong e nngwe mme mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa kgotla ya Taukobong a na a itewa ka sengwe se go belaesegang ele lebotlele mo sefathegong kwa mareketsisong mangwe a bojalwa morago ga gore a leke go tshereganya fa bangwe ba aba itseng ba lwa. Mme yoo o ne a ragogisediwa kwa kokelong kwa a sidilegang teng. Diitlhotlhomiso di santse di tsweletse ga mmogo le gone go batla motho yo o direng jalo. Supt. Matlapeng a re fa motho wa go nna jalo a ka tshwarwa o tlaa isiwa fa pele ga lekgotla. Mookamela mapodisi o gakolotse setshaba go ipabalela ka nako tsotlhe, a gatelela ka gore bomme segolo jang ba seka ba tsamaya bosigo ba le esi go itsa diemo tsa petelelelo kgotsa go amogiwa dithoto tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshe

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 05 Jan 2025