Banna ba le babedi ba ikgapetse botshelo
05 Jan 2025
Mapodisi a Woodhall kwa Lobatse a tshegeditse rre wa dingwaga tse di magareng ga masome mabedi le masome mararo le boferabobedi mabapi le tiriso botlhaswa ya mosetsanyana wa dingwga tse di lesome le boferabobedi kwa Ntlhantlhe metsotsonyana morago ga go amogela ngwaga o mosha. Motshwarelela Mookamela Mapodisi a Woodhall, Assistant Superintendent Thembela Mapine o boletse fa mo kgannyeng e nngwe gone kwa Ntlhantlhe, go ne ga begwa kgang ya titeo e mo go yone mme mongwe a neng a itewa a bo a gobadiwa ke mokapelo wa gagwe. Mme yoo one a ragosediwa kwa kokelong ya Kanye Seventh Day Adventist kwa a neng a fetisediwa kwa Princess Marina. Rre Mapine o boletse fa ba tshegeditse mmelaelwa go thusa mo ditlhotlhomisong tsa mapodisi. Go sale foo, Motshwarelela Mookamela Mapodisi a Moshupa, Mme Onkgomoditse Sekaba - Masala, o boletse fa rre mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi wa moletsi kwa marekisetsong a nnotagi a ne a bona bobedi bongwe mo maitisong bo le mo tshukatshokanong ya tlhoka kutlwisisanyo mme a leka go tshereganya fa a tlaa tlhabiwa ka sengwe se le jaana se iseng se bowe. A re motswasetlhabelo o tlhalositse fa a sa itse bobedi joo. O tlhalositse gore tiragalo e e diragetse ka nako ya boroba bongwe mo mosong wa letsatsi la Sedimonthole a le masome mararo le bongwe kwa marekisetsong a dino kwa kgotleng ya Mmaseetsele. O tlhalositse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. One a bolela fa ba begetswe kgetse ya go ikgapela botshelo ka lone letsatsi leo. Are go tlhalositswe fa moswi a bonwe ke rre mongwe yo o neng a batla dikgomo. O boletse fa mapodisi a ne a kgona go goroga ko lefelong la tiragalo, le banni ba le bitsang Phatana ya ga macha. Are le fa go ntse jalo, ga ba a kgona go bona motlhala wa se se ka tswang se bakile go ikgapela botshelo ga rre yoo wa dingwaga tse di masome mararo le boraro wa kgotla ya Malaila kwa Manyana, ka jaana go sena mokwalo ope. Mo kgannyeng e nngwe, Mme Sekaba-Masala o begile fa Ferikgong a tlhola malatsi a mabedi ba ne ba begelwa fa rre wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa wa kgotla ya Diboto mo Moshupa a ne a fitlhelwa a akgega mo setlhareng kwa masimong a Lesototo. Are rre yoo o ne a bonwa ke rre mongwe yo o neng a ile go batla dikgong. Are go ya ka ba masika, rre yo o ne a emelela mo lapeng a sa kaya kwa a yang teng, Sedimonthole a tlhola a malatsi a mararo le bongwe. BokhutloSource : BOPA
Author : Relief Lephutshe
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 05 Jan 2025
Related News
29 Apr 2025
Tona o akgola BAGS
29 Apr 2025
Ngwana o thudilwe ke koloi
28 Apr 2025
Maranyane a tlhabolola itsholelo le matshelo
27 Apr 2025