Monna o bolaile mokapelo a bo a ipolaya
28 Dec 2024
Mapodise a Good Hope a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yo ne monna a bolaileng mokapelo wa gagwe morago a bo a ikgapela botshelo.
Bobedi jo, bo tlholega kwa Tsoaneng.
Mogolwane wa mapodisi kwa Good Hope, Assistant Superintendent Kenneth Edward o tlhaloseditse BOPA fa ba ne ba amogela pego ka Labone mo mosong gore monna mongwe o tlhabile mokapelo wa gagwe ka sengwe se se bogale a bo a gobatsa le rre mongwe yo a neng a leka go mo kgalemela.
A re e ne ya re ba goroga kwa Tsoaneng, ba fitlhela mme yoo a robetse mo bodibeng jwa madi mme ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Good Hope kwa ba bongaka ba neng ba tlhalosa fa a setse a tlhokafetse.
Assistant Supt Edward o kaile fa rre yo o gobaditsweng a ne a alafiwa e bile a sidilega.
"Re ne ra boela kwa motseng oo mme yare re latedisa motlhala wa modiramolato, ka bomadimabe ra fitlhela a akgega mo setlhareng. Re belaelang gore o ikgapetse botshelo ka go ikaletsa," Assistant Supt Edward a tlhalosa.
A re go ya ka ditlhotlhomiso, monna yo go utlwala fa a ne a ratana le motswa setlhabelo mme e bile ba na le ngwana a le mongwe.
O supile fa dikgang tsa mofuta o wa dipolaano tsa baratani di ba tshwenya e le ba sepodise mme ba ikuela mo setshabeng gore fa batho ba na le dikgotlhang, ba kope thuso mo bagolong le ditsala.
Mo go tse dingwe, Assistant Supt Edward o supile fa kgaolo e santse e didimetse mme a kopa Batswana go tswelela ba itumelela malatsi a Keresemose le ngwaga o mosha ka thitibalo.
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Good Hope
Event : Potsoloso
Date : 28 Dec 2024
Related News
29 Apr 2025
Tona o akgola BAGS
29 Apr 2025
Ngwana o thudilwe ke koloi
28 Apr 2025
Maranyane a tlhabolola itsholelo le matshelo
27 Apr 2025