Puso e tla a dira se se maleba Dikoloti
24 Dec 2024
Ntswa puso e tsere tshwetso ya go bula melelwane go letlelela thekiso ya merogo go tswa Aferika Borwa, ga e na go letlelela gore merogo eo e tsene go santse go na le merogo e mentsi mo lefatsheng leno.
Fa a bua kwa phuthegong e a neng a e tshware le balemi ba merogo ba kgaolo ya Serowe le mafelo a mangwe, Mothusa Tona wa Lefatshe le Temo Thuo, Dr Edwin Dikoloti a re ga gona jaaka go ka letlelelwa gore go tsene sepe mo lefatsheng leno mme balemi ba na le mo ba go tshotseng go lekana kana go fetile selekanyo.
O supile fa puso e ne ya ntsha mokwalo o o supang gore mo legatong la ntlha go tlaa letlelelwa gore go tsene merogo efe le mo legatong la bobedi fela jalo.
A re mo go tsotlhe tse puso e tla a leba gore go na le eng se go neng go builwe gore se ka tsena le gore se se leng teng se teng ka dipalo tse di tlhokegang mme fa go ntse jalo go tla a tswalelwa gore merogo e teng ka dipalo tse di tlhokegang e seka ya tsena gore balemi ba kgone go rekisa.
Dr Dikoloti a re se se botlhokwa ke gore go lebiwe gotlhe mo lefatshe leno le nang le gone ka go farologana go bonwe gore go baakanngwa jang gore kwa bofelong balemi ba merogo ba bo ba na le kwa ba rekisetsang teng.
A re se se botlhokwa gape ke go batlela balemi kwa ba ka rekisang teng ditswa temong tsa bone a supa fa e le nngwe ya tse puso e tla a tlhoafalelang go di dira.
Dr Dikoloti a re lephata la gagwe le tla a buisanya le ba na le seabe botlhe go rurifatsa gore kwa balemi ba merogo ba rekisetsang teng e seka ya nna ditoro fela.
A re mo nakong eno go santse go na le makgwerenyana a ba a fa sekai ka balemi ba merogo ba ba gasameng mme ba tlhokana le dikoloi tse ba ka di dirisang go isa merogo ya bone kwa mmarakeng a tlhalosa fa ba tshwanetse gore ba thusiwe go bona mmaraka o ba ka rekisetsang kwa go one go re ba kgone go bona dipoelo.
Dr Dikoloti o ne a kopa balemi ba merogo gore ka makgotla a bone a a farologaneng ba supe gore ba ne ba ka eletsa gore go dirwe jang gore ba dumele gore ba thusitswe sentle kana puso e ba thusitse sentle e bile e buisantse le bone sentle gore botlhe ba welelane sentle.
A re mo nakong eno go na le ba na le seabe ba ba farologaneng ba tshwana le molemi, moreki le yo o ntshang tse di farologaneng di tshwana le peo mme go tshwanetse go bonwe gore le bone ba bone tse di ba tshwanetseng e bile ga ba bewe ka fa mosing.
A re fa tsotlhe di ka seka tsa dirwa sentle ka fa di tshwanetseng go dirwa ka teng go tla a nna le mathata a ditshenyegelo tse di kwa godimo go bo go felela yo o rekang a babalelwa a bo a reka ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo go bo go pateletsa gore ba ba di batlang ba reke kwa ntle ka mo go sa letlelesegeng e bile go le borai.
Dr Dikoloti o supile fa bokopano joo e ne e le jwa ntllha mme lephata la gagwe le tla a tswelela le tshwara dipuisanyo tse dingwe tse dintsi lefatshe leno ka bophara le balemi ba merogo.
A re ba tla a tshwara bokopano jo bo tseneletseng le balemi ba merogo go rurifatsa gore ba a welelana gore kwa bofelong ba nne le popagano e e tla a ba isang golo gongwe, a tlatsa ka gore lephata la gagwe le tla a dira gore balemi ba merogo e nne ba maemo a a kwa godimo e bile ba kgone go gaisana le ba bangwe ba bo ba kgone go phunyeletsa kwa mafatsheng a a kgakala.
Dr Dikoloti a re o na le tumelo e ntsi ya gore balemi ba lefatshe leno ba merogo ba na le bokgoni mme puso e tla a dira gotlhe mo e ka go kgonang go ba ema nokeng ka gotlhe le go ba thusa ka madi le bone ba bo ba ntsha tse di nang le boleng.
Dr Dikoloti o ne a supa fa mo nakong eno go na le dikgang go tswa kwa bareking ba mo nakong eno ba ntshitseng ngongorego ya gore balemi ba merogo ga ba ba rekisetse merogo e e nang le boleng mme tiro ya puso e le go ba letlanya gore moreki a kgone go reka mo go bone go sena ngtongora epe. Ends
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Minister\'s address
Date : 24 Dec 2024