Breaking News

Mokgatlho o direla bagodi moletlo wa keresemose

19 Dec 2024

Ba mokgatlho wa Palapye First Development Foundation (PFDF) ba supile mowa wa bopelotlhomogi ka go direla bagodi moletlo o o faphegileng wa botsalo jwa Morena.

Fa a bua kwa moletlong o o neng o tshwaretswe mo Palapye bosheng, mokwaledi mogolo wa mokgatlho Mme Fifi Masogo o ne a tlhalosa fa tiro e e le nngwe ya maikaelelo a bone a go ema nokeng le go tsisa boitumelo mo bagoding.

Mme Masogo a re kgang ga se go ja dijo fela, mme go ba fa le sebaka sa go itsane le go tshameka ka maikaelelo a go ba lemoga le go ba ipelela. A re ba fa bagodi lorato go ba bontsha gore ba botlhokwa le go ba kopanya le balekane ba bone gore ba ikgakolole dilo tsa bogologolo. Gape a re nako e ntsi bagodi ba bolawa ke bodutu fa bangwe ba nna ba le nosi malwapeng.

Kgosi Martha Lebang wa Palapye o lebogile ba mokgatlho o a re ba supa mowa wa lorato mo bagoding. O ba rotloeditse go tswelela ba dira jalo go thusa setshaba. Mme gape o ba kgothaditse gore ba tshwaragane gore mokgatlho wa bone o gole o bo o dire go le gogolo.

A re bagodi ba bolawa ke bodutu ba tlhoka go direlwa jaana gangwe le gape gore ba bone gore ba botlhokwa. O supile fa bagodi ba na le bokgoni jo bo farologanyeng ka bangwe ba roka, ba loga ditlatlana le tse dingwe a re dilo tse di ka ba ntshang mo maikutlong a a sa welang.  Kgosi Lebang a re ba tlhoka lefelo le ba ka kgobokanelang mo go lone le go itshidila mmele le maikutlo.

Mongwe wa maloko a PFDF Mme Prisca Tembo o ne a gakolola bagodi ka kgang tsa botsogo a tlhalosa gore go nwa metsi go botlhokwa.  Mme Tembo a re metsi a babalela diphilo le sebete ebile a tsamaisa madi mo mmeleng. Mme Tembo a re bagodi ba tshabelelwa ke maikutlo a a ko tlase fa ba sa tlhokomelwe.  

Fa a leboga, mongwe wa bagodi Rre William Selepa wa kgotla ya Khurumela  a re tiro e ba e dirileng ke e kgolo ko Modimong. Rre Selepa o ba kgothaditse gore ba gole, mokgatlho wa bone o nonofe ba tle ba tswelele ka ditiro tsa bone tse di ntle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Palapye

Event : Moletlo.

Date : 19 Dec 2024