Puso e tlaa diragatsa maitlamo
19 Dec 2024
Mothusa Tona wa Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Mokwaledi Moswaane a re puso e tla a diragatsa maitlamo a yone.
O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Sefhare bosheng. Rre Moswaane a re fa ba tsena mo pusong ba fitlhetse go sena sepe mo letloleng, a tlhalosa gore ba mo tseleng ya go aga itsholelo. A re thulaganyo yotlhe e tla tlhaloswa kwa palamenteng ya kgaoganyo ya madi ngwaga oo tlang ka kgwedi ya Tlhakole.
Rre Moswaane a re maikaelelo ke gore fa mogodi a tsaya P1 800 a bo a sa tsene mo Ipelegeng, le mo botlhoking mme ba ikaelela go netefatsa gore batho ba ba tshwanetseng go duela lekgetho ba a le duela. A re madi a dikgaolo tsa botlhophi a kotlase, mme a tlhalosa gore maikaelelo ke go a oketsa, le go busetsa lenaneo le mo taolong ya bogogi jwa metse ba rera le morafe.
Mothusa Tona o ba gakolotse gore fa ba tlhopha ditlhabololo mo motseng, ba ithulaganye ba amogana megopolo, ba reetsane ka gore mafoko a kgotla a mantle otlhe. O ba gakolotse gore ba tshwaragane, ba bopagane gore ba kgone go dira dilo mmogo.
Rre Moswaane a re motheo wa motse o eteletswe pele ke Kgosi, a tlhalosa gore bogosi bo tshwanetse jwa tshephagala gammogo le komiti ya ditlhabololo tsa motse. A re puso e ikaelala go tlotlomatsa serodumo sa bogosi ka ba batla go bona dikgosi di le mo maemong a a siameng fa ba berekelang teng le dikatso tsa bone di tokahetse.
O rotloeditse banni go tsaya thuto ya bana ka tlhwaafalo e le thuto ya boleng gape e le maleba. A re thuto ya lefatshe leno e ko tlase e batla go tlhabololwa go menaganye ka gore thutego e tsisa tlhabologo mo mothong. O rotloeditse borre go sa nna lebole mo go bomme ba bone, ba rate malwapa a bone, ba bo ba tshwaraganele kgodiso ya bana.
A re morafe o tshwanetse wa itsi mananeo a ditlhabololo ba kgone go lemoga gore aba tsholetse eng.
Fa a lekodisa Mothusa Tona ka tsa motse wa Sefhare, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Orapeleng Orapeleng a re ba tshwenngwa ke tiego ya kabo ditsha.
Rre Orapeleng a re Lekgotlana la Kabo Ditsha la Sefhare le saletse ko morago mo kabong ya ditsha. A re ditsha di amilwe ke dipale tsa ditlhaeletsano le motlakase.
O supile matshwenyego ka motsamao wa metsi a pula oo dirilweng mo motseng, a bolela fa o sa siama.
Mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Borwa, Dr Kesitegile Gobotswang o kopile badirelapuso go tsibogela dikgang tsa morafe sentle, mme ba seka ba emela matona a puso.
Rre Gobotswang o supile Lekgotla la Kabo Ditsha ka monwana a re ga ba bolelele morafe se eleng sone a ba kopa gore ba tlhatswe kgang sentle ka ditsha tsa Sefhare. A re ba Kabo Ditsha ba sala ba tsere masimo a batho ga ba ise ba ba duele mme gape a re banni ba kgaolo ya gagwe ba mo tlaleng ka jaana gone go sena thobo.
Modulasetilo wa Lekgotlana la Kabo Ditsha la Sefhare, Rre Kitso Seloma a re dipale tsa BOFINET le BPC ke tsone di bakang tiego. Rre Seloma a re madiadia a mangwe a bakiwa ke gore ga ba na dithata ka jaana ditshwetso di tsewa kwa Ngwato Landboard.
Mongwe wa banni, Rre Ntwayagae Gobotswang o supile letshwenyego ka thuto e e ko tlase ya sekolo se se botlana sa Sefhare. A re le ntswa puso e rotloetsa temo, e tsaya masimo a batho go dira ditsha tsa bonno le mororo lefatshe la masimo le tlhaela. ENDS
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Dec 2024