Breaking News

Ba rotloediwa go berekela kgaolo

19 Dec 2024

Makhanselara a kgaolo ya Palapye ba kgothaditswe go dira ka bonatla go isa kgaolo ya bone makalankaleng ba sa gadime kwa morago. 

Se se builwe ka Laboraro ke mothusa mokwaledi wa pele wa khansele ya Palapye, Rre Oganne Gontse jaaka fa makhanselara a kgaolo eo a ne a rutuntshiwa ka ditsamaiso tsa khansele tse di akaretsang melawana e e leng teng e e ba thusang go e tsamaisa. 

Rre Gontse o ne a ba rotloetsa go tshwara tiro ya bone ya bokhanselara ka matsetseleko ka setshaba se ba lebile. A re melawana e e tsamaisang khansele e botlhokwa fela thata ka e le yone e ba supegetsang tsela.. 

Rre Gontse a re yo o tla a nnang modulasetilo wa khansele o tshwanetse a itse ditsamaiso le melao ya go tsamaisa bokopano jwa khansele gore a e tsamaise sentle. A re fa khansele e sa tsamaisiwe sentle, setshaba ga se na go tsaya makhanselara tsia, mme a re kgang e nngwe e makhanselara ba tshwanetseng ba e sale morago ke ya go dira tse ba di ipeileng pele.  Seo a re se ka dira gore ba kgone go fetsa tse ba tshwanetseng go di fetsa mme go nne le tema. 

Rre Gontse o tlhalositse fa go le botlhokwa gore fa ba tsweletse ka bokopano jwa bone, ba remelele mo go tse ba di ipeileng pele gore ba tsile go bua ka tsone mo bokopanong jwa khansele ka seo se ka somarela nako ya bone le gone go ba letla gore ba fetse tiro ya bone mo nakong e ba e beileng.

O ne a supa fa go le gantsi makhanselara ba palelwa ke go fetsa tiro e ba tshwanetseng go e fetsa ka ba bangwe ba felela ba diya nako ka dikgang tse ba itseng fa ba sa tshwanela go tsena mo go tsone. A re maduo a bokopano jwa khansele a tshwanetse a bonale. 

Rre Gontse o ne a gakolola makhanselara gore mo malatsing ano a go dirisiwang maranyane,  ba tshwanetse ba nne le gore ba ka tsenya khansele ka maranyane fa go kgonagala gore a dirisiwe. 

Mme Brenda Kgakgamatso, yo o itebagantseng le tsa go ntsha maduo mo tirong kwa khanseleng ya Palapye, o ne a kopa makhanselara go fetola ka fa ba akanyang ka teng le ka fa ba dirang ka teng. 

A re bontsi jwa nako batho bangwe ba kgorelediwa ke ka fa ba akanyang ka teng mme tse ba di akanyang di tshwanetse e nne tse di siameng tse di ka tswelang khansele mosola e bile ba tshwanetse ba dumele gore ba tla a kgona. 

O ne a supegetsa makhanselara fa ba na le dithata tsa go dira diphetogo mme ba tshwanetse ba tseye monyetla oo ba neele setshaba ditirelo kana ditlhabololo tse ba di lopang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 19 Dec 2024