Breaking News

Mokgwathi O tlhophilwe go nna modulasetilo

18 Dec 2024

Mokhanselara yoo itlhophetsweng e bile e le mopalamente wa pele wa kgaolo ya Letlhakeng Rre Gordon Mokgwathi, o tlhophilwe go nna modulasetilo wa khansele ya Letlhakeng.

Rre Mokgwathi yo a neng a phadisanela maemo a bodulasetilo le mokhanselara wa Takatokwane Rre Johane Gaosafelwe, o tlhophilwe ke batho ba le lesome fa rre Gaosafelwe a tlhophilwe ke batho ba ferabongwe.

Le fa go ntse jalo mokhanselara Gaosafelwe o ne a tlhophiwa go nna mothusa modulasetilio wa khansele, maemo a a neng a sa a phadisanele le ope.

E rile a amogela thomo modulasetilo Mokgwathi o ne a supa fa a amogela maemo ao, mme a solofetsa gore o tlaa bereka le badirelapuso sentle go isa kgaolo kwa pele.

Modulasetilo o ne a tlhalosa fa e rile a tsena mo dipolotiking ka ngwaga wa 1999, a bo a ne a eletsa go bona kgaolo ya gagwe e tlhabologa. O ne gape a tlhalosa gore e le mapolotiki ga ba a tshwanela go bereka le badirelapuso ba ba sukura.

Mothusa modulasetilo Rre Gaosafelwe le ene o ne a amogela thomo e a e filweng, mme a supa gore makhanselara ba tsile go itemogela gore se ba neng ba se bona kwa ntle ga se tshwane le se se mo teng, mme a ba lemotsha fa badirelapuso ba dirisa molao wa khiro go bereka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 18 Dec 2024