Breaking News

Ba tsibositswe ka bodiphatsa jwa maranyane

18 Dec 2024

Mogokaganyi go tsweng kwa lekalaneng la Cyber Smart Botswana Rre David Moepeng o tlhalositse fa tiriso ya maranyane e le botlhokwa mo matshelong a batho ka go farologana.

Rre Moepeng o buile se ka Labobedi mo phuthegong ya kgotla e ba neng ba e rulagantse go tlhatlhelela morafe ka ditlamorago tsa maranyane. O kaile fa batho ba dirisa go tsamaisa dikgwebo tsa bone fa mo letlhakoreng le lengwe bana ba dikole le bone ba a dirisa mo dithutong tsa bone.

Le fa go ntse jalo Rre Moepeng o tlhalositse fa tiriso ya maranyane e tlhoka motho yoo kelotlhoko e bile a tlhaloganya bo diphatsa jwa one, a tlhalosa fa dilalome le tsone di bone tshono ya go tsietsa setshaba ka one. O tlhalositse fa kwa ntlheng maranyane a ne a dirilwe go tlhofofatsa botshelo mme batho bangwe ba a dirisa go senya le go rogaka ba bangwe mo go felelang go baka gore bangwe ba ikgapele matshelo.

Ba Cyber Smart Botswana ba mo letsholong le ba lebitsang Twantsho Botsotsi ka Maranyane se e le go tsibosa setshaba go itlhokomela kgatlhanong le manweenwee.

O kaile fa ba simolodisitse letsholo le morago ga go itemogela kgolo ya batho ba ba tsieditsweng ke dilalome go dirisiwa maranyane.

Rre Moepeng o tlhalositse fa maranyane a ka bulela batho ba le bantsi mebereko fa a dirisiwa sentle, o ne a re ke ka moo puso e neng ya bona gole botlhokwa go gokela maranyane mo mafelong a tshwana dikgotla le dipatela lefatshe ka bophara gore setshaba se a akole ntleng le dituelo dipe.

Le fa go ntse jalo o kaile fa go le botlhokwa gore batho ba nne ba itisitse mo go nneng ba tswa setlhabelo mo dikgannyeng tsa go tsiediwa.

Rre Moepeng o tlhalositse fa maranyane a kgona go diriswa ke bana ba ba kwa tlase ka dingwaga mme go tlhoka gore botsadi bo nne bo etse tlhoko gore ba a dirisa sentle.

O kaile fa dipalo tsa go utsuwa ga bana go ile magoletsa mme go dirisiwa maranyane ka jalo a kgotlhatsa batsadi go nna ba etse seo tlhoko.

E rile a tlatsa mafoko a ga Rre Moepeng, Detective Constable Phemelo Tsito wa sepodisi sa Selebi Phikwe o ne a rurufatsa fa go le boammmaruri borukhutlhi ba tsietso ka maranyane bo le teng e bile ba setse ba gatisitse dikgetsi tsa mofuta wa go nna jalo.

Detective Tsito o ne a kaya fa ba setse ba kwadisitse di kgetsi tsa go utswelwa madi ka maranyane di le boferabobedi go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha ka Mopitlo mono ngwaga kwa motho a le mongwe a tseetsweng madi a a fetang P7 000.

Mongwe wa ba tsena phuthego Mme Segametsi Madome o kaile fa ngwana wa gagwe le ene e ne ya nna mongwe wa batswa setlhabelo morago ga gore a a mogwe madi a a fetang P1 500 ka o ne mofuta wa maranyane mme a gwetlha ba ba sa iseng ba tsiediwe go nna ba itisitse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Selebi Phikwe.

Event : Phuthego

Date : 18 Dec 2024