Breaking News

Setlhopha sa mmino sa masole se tlhabolola matshelo

17 Dec 2024

Mookamedi wa setlhopha sa mmino sa masole (BDF bands in concert), Colonel Ndibo Setaelo a re ba tsamaya mo mafelong a lefatshe leno ka go farologana ba tshwara maitiso e le bontlha bongwe jwa go thusa setshaba.

Colonel Setaelo o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng kwa Lobatse mo maitisong a bone a bodiragatsi a ngwaga le ngwaga.

O boletse gore moono wa maitiso, a a saleng a simolotse ka ngwaga wa 1991 ke go diragatsa Tebelopele ya setshaba ya 2036, ka letshego la bobedi la go tlhabolola matshelo a batho.

Are maikaelelo ke go thusa Batswana ka go abela makalana a a ikemetseng a bopelotlhomogi.

Kwa Lobatse ba ne ba abela lekalana la Re na le Seabe P25 000.

Col. Setaelo o boletse fa setlhopha sa bone se jesa Batswana monate ka mebino e e farologaneng ya mo gae le ya kwa mafatsheng a sele go dira madi a ka one go tlaa thusiwang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Fa a bua morago ga go amogela mpho, molomaganya ditiro wa lekanana la Re Na le Seabe, Rre Oaitse Pelaelo o ne a leboga setlhapha ka mpho eo, a re e tlaa ba thusa go fa Batswana ditlamelo.

O boletse fa ba na le letlhoko la didirisiwa go akaretsa dikomputara, ditilo le tse dingwe fela jalo mme a bolela fa madi ao, atlaa ba thusa thata, le mo go tsa ipapatso go isa molaetsa kwa setshabeng.

Rre Pelaelo a re ba itebagantse le go ruta le go tsibosa banana go ikgapha go itsa go ka tsenwa ke mogare wa HIV, a tlatsa ka gore ngwana o godisiwa ke setshaba.

O boletse fa ba kopa dithuso mo go botlhe ba-na-le seabe, a re ba ka thusa ka sepe fela gore ba kgone go dira tiro ya bone le gone go isa ditlamelo kwa setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Concert

Date : 17 Dec 2024