Puso e tlaa tokafatsa ditlamelo tsa botsogo
16 Dec 2024
Puso e tlaa dira gore Motswana mongwe le mongwe a nne le tlamedi ya botsogo (Medical Insurance) e e tlaa mo thusang go tlamelwa mo makalaneng a a ikemetseng.
Mothusa Tona wa Botsogo, Rre Lawrence Ookeditse o buile se kwa kokelong e potlana ya Palapye ka Labotlhano mo letsholong la gagwe la go lekola seemo mo makalaneng a botsogo.
Mothusa tona Ookeditse a re lefatshe la Botswana le itemogela tiriso e e kwa godimo ya madi mo kalafing.
A re mathata ke gore go ne ga itebaganngwa le kalafi thata go na le thibelo ya malwetse, a supa fa tshireletso e le botlhokwa go na le kalafi e bile e somarela matshelo
A re fa batho ba itekanetse ba na le botsogo jo bo siameng, go fokotsa tiriso ya madi e e kwa godimo mo kalafing, a supa Lephata la Botsogo le kolota makalana a a ikemetseng.
Rre Ookeditse o ne a gakolola badiri ba Lephata la Botsogo fa ba tlhoka tshwaragano le neelano gore ba fitlhelele maikaelelo a bone.
Mothusa tona a re badiri ke bone ba ka tokafatsang seemo sa tiro le go isa ditirelo kwa bathong, a tlatsa ka gore ke bone gape ba itseng gore go ka dirwa botoka jang go baakanya dikgwetlho kana go tokafatsa diemo.
Rre Ookeditse a re fa lephata le ka fokotsa go sa diriseng madi sentle le ka hema dikgwetlho tse dintsi.
A re ba lekalana la tsa theko ba tshwanetse ba ganana le mokgwa wa madirelo a a paralatsang menwana fa ba rekisetsa maphata a puso.
Rre Ookeditse a re tlhaelo ya bodiredi ke nngwe ya mathata a Lephata la Botsogo, a tlhalosa gore ba tlaa nama ba dirisa bonnyennyane jo ba nang le jone.
Badiri ba ne ba rolela mothusa tona matshwenyego a bone ka go farologana, mangwe a ama didirisiwa tsa botsogo ka kakaretso.
Mongwe wa badiri ba kokelo ya Palapye, Rre Mokuedi wa lekalana la botsogo jwa legano o ne a supa fa ba na le tlhaelo ya bodiredi, dikamore tsa tlhatlhobelo le dikoloi.
Rre Mokuedi o supile matshwenyego ka tsa matshelo a badiri le tiego ya dituelo tsa madi a C band. Rre Letsibogo Letsibogo wa lekalana la tlhatlhobo ya madi o supile fa Palapye a godile a na le dipalo tse di kwa godimo tsa batho tse a reng di a ba fekeetsa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Tekolo
Date : 16 Dec 2024