Kgosi o rotloetsa go tsibogela ba na le bogole
15 Dec 2024
Kgosi Chief Mosarwe wa Kgotla ya Monarch kwa Francistown o rotloeditse setshaba go tlotla le go sireletsa ditshwanelo tsa ba-na-le bogole.
O buile se bosheng ko kokoanong ya matlhagolela tsela ya segopotso sa mafatshe - fatshe sa ba- na- le bogole .
Kgosi Mosarwe a re ba-na-le bogole ba tshwanelwa ke go fiwa tlotlo, ka jalo o kopile setshaba go nna le mowa wa kutlwelo botlhoko mo go bao ba ba nang le bogole.
O ne a kopa maphata otlhe go tsibogela dikgang tsa ba-na-le bogole, le gore ba ba neele tseo tse eleng tshwanelo ya bone.
Kgosi a re go le gantsi ba-na-le bogole ba tshwenyega ka go sa fiwa ditlamelo sentle ,ka jaana ba ba maleba go ntsha di tlamelo ba adima tshwene marapo ba sa ntshe di tirelo jaaka go tshwanetse.
Kgosi a re kgang e nngwe e tshwenyang, ke go fitlhela ba-na- le bogole ba togetswe fa morago fa go dirwa di ditogamaano, mananeo le melawana.
Kgosi Mosarwe a re ka jaana moroto wa esi o sa ele, go a lebosega go bo makgotlana a a ikemetseng a ba-na-le bogole a tshwaragane le puso mo dikganyeng tsa gore ba-na-le bogole ba tshele sentle.
Mogolwane go tswa ko lekgotleng le le ikemetseng la Botswana Council for Disabled Rre Moffat Louis are lekgotla le le itebagantse le go atolosa lentswe la mo-na-le bogole.
A re ka dikgang tsa ba-na-le bogole di saletse ko morago, ba solofela fa puso e ncha e tlaa tlama lenaneo go thusa ba –na- le bogole.
Rre Louis a re lekgotla la bone le thusa ka go rutuntsha batsadi ba ba sa itseng ko ba ka ikuelang teng gore ba ikokoanye, ba tlhame dikomiti gore ba kgonne go bua ka lentswe le le lengwe ka dikgang tsa ba-na- le bogole, gore selelo sa bone se reediwe.
A re dikago tsa ga goromente, marekisetso le tse dingwe di tshwanetse tsa nna mo seemong se eleng gore mo-na- le bogole o ka kgona go tsena go kopa thuso kana ditlamelo.
Fa a tswa la gagwe, Modulasetilo wa lekgotla la Botswana Federation for Disabled ( BOFOD) Mme Boikhutso Majang a re o lebogela goromente go bo a lemoga ba-na-le bogole.
A re lentswa maiteko a puso a bonala, kgang e sa ntseng e tshwenya ke go lebalwa ga ba-na- le bogole.
A re go le gantsi dilo fa di dirwa ba-na-le bogole ba salela morago, mme ba gakologelo ko morago dilo di ntse di tsweletse.
O ne a kgala batho ba ba gatakang ditshwanelo tsa ba-na-le bogole a re moo ga se gone e bile go molato.
A re ga se gone gore e re go le mo di phuthegong a bo go sena motho o ranolelang ba ba sa utlweng kana ba ba ka thusang ba ba sa boneng, a tlatsa ka gore seemo sa go nna jaana se tshwanetse go baakangwa gore ba-na- le bogole ba akarediwe ka go farologana ga bone.
Letsatsi la segopotso sa mafatshe fatshe la ba-na-le bogole le tlaa tshwarwa kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bobedi ko Adansonia Hotel. Go solofetswe gore Tona wa tsa Ofisi ya ga Tautona rre Moeti Mohwasa e nne ene sebui segolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : Francistown
Event : Segopotso
Date : 15 Dec 2024