Breaking News

Banni ba Palapye itumelela Kgosi Kgolo

15 Dec 2024

Ene ele boitumelo jo bogolo kwa kgotleng e tona ya Palapye e thibile fa morafe o ne o tsile go kopana le Kgosi Kgolo ya bone morago ga lobakanyana.

Kgosi ya ga Mmangwato, Khama IV o ne a buisa phuthego ya kgotla mo Palapye ka Labone. Kgosi Khama IV yo o sa tswang go tsaya setilo sa gagwe sa bogosi o mo letsholong la gagwe la diphuthego tsa gagwe le morafe wa Ga-Mmangwato .

A re o batla go tsaya tiro ya gagwe ya bogosi go dira tiro le go baakanya tse di senyegileng a tlhalosa gore o tla bereka le borrangwanaagwe gore ba mo gakolole ka ba na le kitso ka tsamaiso ya bogosi ba tlhaloganya le ngwao.

Kgosi Khama IV o ne tlhomiwa Kgosi Kgolo ya ga mmangwato ka ngwaga wa 1979 a tswharelelwa ke bo Rrangwanaagwe gofitlhelela a tsaya setilo sa gagwe bo sheng. Mo loetong la gagwe Kgosi o kopantse le go supa Seretse Peter Khama yo a mo supileng a batlang a nna mothusi wa gagwe.

Kgosi Khama IV yo gape aleng tautona wa pele a re maikaelelo a diphuthego tse, ke go buisana le bone go utlwa megopolo ya bone gore ba batla a ba thusa jang. O boletse fa a ikaelala go tsweledisa mananeo a gagwe jaaka la dikgaisano tsa dibolo a bo a rotloetsa bodiragatsi ,ngwao le temo-thuo.

O kopile morafe go tshwaragana gore ba tlhabolole lefatshe la Botswana ka ditrust ga mmogo le go godisa bojanala, le go baakanya matlotlo a tlholego otlhe aa teng.

Kgosi Khama IV o gwetlhele motswana mongwe le mongwe yo nang le bokgoni go tsenya letsogo mo go tlhabololeng lefatshe le thusa ba bangwe baba tlhokileng lesego mo setshabeng ka bonno kana botlhoki bope fela jwa bone.

Fa a amogela Kgosi Kgolo, Kgosi ya Palapye Kgosi Martha Lebang o ne a supa fa morafe wa gagwe o tletse ka boitumelo go bona Kgosi Kgolo. O ne a re ba solofetse go bona diphetogo mo bogosing jaaka a tsere setilo le mo pusong e ncha.

A re ba na le tsholofelo ya gore bogosi botla boela jwa nna le serite. Kgosi Lebang a re dikgotlana tsa Palapye di lesome le boraro tse di berekang di robabobedi fa tse tlhano di santse di letetse go tlhomiwa, a tlhalosa fa nako e ntsi go diiwa ke dingongorego.

Fa leboga, tona wa metsi le bonno Rre Onneetse Ramogapi o ne a kopa morafe wa Palapye go ithwarela le go lebala tse di fitileng ba seka ba kgoreletsa boitumelo jwa bone. A re nako e ke ya gore ba eme ka dinao ba thuse puso go tswelela ba baakanya basa gadime ko morago le go supasupana ka menwana.

O ba kopile gore ba nne pelotelele le puso ka tse ba di solofeditswe go santse go baakangwa seemo. Banni ba ne ba supa fa itumetse thata go bo Kgosi Kgolo ya bone e boetse mo lefatsheng leno e bile a tsere setilo sa gagwe sa bogosi BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Palapye

Event : Kgotla meeting

Date : 15 Dec 2024